Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 13:8 - Setswana 1970

8 Ke fa Manoa a rapela Morena a re: “Ao! Morena, a monna wa Modimo yo ò mo romileng, a ke a tle gape kwa go rona, a re rute tse re tshwanetseng go di direla mosimane yo o tla tsalwang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 ¶ Ereha gona Manoe o rapelañ Yehova, mi a re, Morena oa me, a monona oa Morimo, eo u lu ua mo roma, a a be a tle go rona, a re rute se re tla se rihelañ ñuana eo o tla tsaloañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Foo Manoa a rapela Jehofa a re: “Morena ke a go rapela, a monna wa Modimo yo o ne wa mo roma, a tle kwa go rona gape, a re rute se re tlaa se dirang ngwana yo o tlaa bonwang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 13:8
8 Iomraidhean Croise  

ke bona jalo, nthute; fa ke dirile ka tshiamololo ke tla baka.’


Foo a roroma, a gakgamala a re: “Morena, o rata gore ke dire eng?” Morena a mo raya a re: “Nanoga o tsene mo motseng; o tla bolelelwa se o tshwanetseng go se dira.”


Manoa a nanoga, a sala mosadi wa gagwe morago, a fitlha kwa monneng yole, a mmotsa a re: “A ke wena monna yo o buileng le mosadi?” A re: “Ke nna.”


Mme moengele wa Morena a iponatsa mo mosading yoo, a mo raya a re: “Bona, o moopa, ga o belege bana. Mme o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane.


Mosadi a ya, a bolelela monna wa gagwe a re: “Monna wa Modimo o tlile kwa go nna; o ne a lebega jaaka Moengele wa Modimo, a boitshega thata, mme ga ke a mmotsa kwa a tswang teng; le ene ga a a mpolelela leina la gagwe.


O ntheile a re: ‘Bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. Mme jaanong, se nwe weine le fa e le bojalwa, o se je sepe se se sa itshekang; gonne mosimane yoo, e tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong go ya letsatsing la loso lwa gagwe.’ ”


Modimo wa utlwa lentswe la ga Manoa. Moengele wa Modimo a tla gape kwa mosading a ntse fa fatshe kwa tshimong, mme Manoa, monna wa gagwe, a se na nae.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan