Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 13:6 - Setswana 1970

6 Mosadi a ya, a bolelela monna wa gagwe a re: “Monna wa Modimo o tlile kwa go nna; o ne a lebega jaaka Moengele wa Modimo, a boitshega thata, mme ga ke a mmotsa kwa a tswang teng; le ene ga a a mpolelela leina la gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 ¶ Ereha gona mosari o eañ a bulelela monona oa gague, a re, Go tlile monona oa Morimo go ’na, eo ponalo ea gague e le e cuana le hatlogo sa moengela oa Morimo, se se boitsegañ bogolu; mi ga kia ka ka botsa kua o coañ, mi le gona ga a ka a ’mpulelela leina ya gague:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Foo mosadi a fitlha a bolelela monna wa gagwe a re: “Monna mongwe wa Modimo o ne a tla kwa go nna, sefatlhogo sa gagwe se tshwana le sefatlhogo sa moengele wa Modimo, se boitshega thata; ga ke a ka ka mmotsa kwa o tswang gone, le gone ga a ka a mpolelela leina la gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 13:6
29 Iomraidhean Croise  

Ya re a tsholetsa matlho, a bona banna ba le bararo ba eme fa pele ga gagwe. Fa a ba bona, a tloga fa mojakong wa tente, a akofa go ba kgatlhantsha, a inamela fa fatshe


Jakobe a botsa a re: “A ko o mpolelele leina la gago.” Yoo a re: “O boletsang leina la me?” A ba a mo tshegofatsa teng koo.


Ke fa mosadi a raya Elia a re: “O ntiretseng, monna wa Modimo? Ntlha e kete o tlile go nna gore go gopolwe molato wa me, mme morwaake a bolawe!”


Ke fa mosadi a raya Elia a re: “Jaanong ke a lemoga gore o monna wa Modimo le go re lefoko la Morena le o le buang ke boammaaruri.”


Ke fa Elisa a re: “Isago ka nako e o tla bo o tlamparela ngwana wa mosimane.” Mme mosadi a re: “Nnyaya, mong wa me, monna wa Modimo, se aketse lelata la gago.”


Mme mosadi yoo a raya monna wa gagwe a re: “A ko o bone, ke lemogile gore monna yo o ntseng a feta fa go rona ka metlha ke yo o boitshepo wa Modimo.


Teng moengele wa Morena a iponatsa mo go ene a le mo kgabong ya molelo e e tswang mo setlhareng se se mitlwa. A leba, a fitlhela molelo o tuka mo setlhareng, mme se sa šwe.


Wa ba wa re: “Ke nna Modimo wa ga rraago, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe.” Ke fa Moše a ipipa sefatlhego, ka a boifa go leba Modimo.


A nthaya a re: “Daniele, wena monna yo o ratiwang, ela mafoko tlhoko a ke tla a buang nao, o eme ka dinao, gonne ke romilwe kwa go wena.” Ya re a bua lefoko leo le nna, ka ema ke roroma.


ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona monna yo o apereng lesela la letseta, a itlamile letheka ka gouta ya kwa Ufase.


Jaanong a tla fa ke emeng teng; ya re a tla, ka rerega, ka wela fa fatshe ka sefatlhego. Ke fa a nthaya a re: “Morwa-motho, ela tlhoko, gonne pono e supa sebaka sa bofelo.”


Moengele a mo araba a re: “Ke nna Gaberiele yo ke emeng fa pele ga Modimo; mme ke romilwe go bua nao le go go bolelela mafoko ao a boitumelo.


Ya re a ntse a rapela, ponalo ya sefatlhego sa gagwe ya fetoga, seaparo sa gagwe sa nna sesweu, sa fatlha.


Ya re botlhe ba ba dutseng mo lekgotleng le legolo ba mo tsepile matlho, ba bona sefatlhego sa gagwe se tshwana le sa moengele.


Tshegofatso e Moše, monna wa Modimo o neng a tshegofatsa Baiseraele ka yona a ise a swe ke e:


Mme wena, motho wa Modimo, tshaba dilo tseo! O tsôtelele tshiamo le poifo-Modimo le tumelo le lorato le boitshoko le bopelonolo.


Bajuta ba kile ba atamela kwa go Jošua mo Gilegala, mme Kalebe morwa Jefune wa Mokenisi a mo raya a re: “O itse lefoko ka wesi le Morena o le buileng le Moše, monna wa Modimo, ka ntlha ya me le ka ntlha ya gago kwa Kateše-Barenea.


E rile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka moswi; mme a mpaya seatla se se jang a re: “O se ka wa boifa; ke nna wa ntlha le wa bofelo


Ke fa mosadi a akofa, a taboga, a itsise monna wa gagwe, a mo raya a re: “Bona, monna yo o neng a tlile kwa go nna maloba o iponaditse gape mo go nna.”


Jaanong Manoa a raya mosadi wa gagwe a re: “Ruri, re tla swa, gonne re bonye Modimo.”


Mme moengele wa Morena a iponatsa mo mosading yoo, a mo raya a re: “Bona, o moopa, ga o belege bana. Mme o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane.


O ntheile a re: ‘Bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. Mme jaanong, se nwe weine le fa e le bojalwa, o se je sepe se se sa itshekang; gonne mosimane yoo, e tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong go ya letsatsing la loso lwa gagwe.’ ”


Ke fa Manoa a rapela Morena a re: “Ao! Morena, a monna wa Modimo yo ò mo romileng, a ke a tle gape kwa go rona, a re rute tse re tshwanetseng go di direla mosimane yo o tla tsalwang.”


Moengele wa Morena a tla letsatsi le lengwe, a feta a nna fa tlase ga mooka wa kwa Ofera o e leng wa ga Joase wa Moabiesere, Giteone morwawe a ntse a photha mabele a korong mo segatelong gore a a subele Bamidiane.


Letsatsi le lengwe monna wa Modimo a tla kwa go Eli, a mo raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘A ga ke re, ke iponaditse sentle mo go ba ga eno, fa ba sa le kwa Egepeto mo taolong ya ga Farao?


Mme ene a mo fetola a re: “A ko o iketle! Go na le monna wa Modimo mo motseng o. Ke monna yo o tlotlegang. Tsotlhe tse o di buang di a tle di dirafale tota. A re ye teng. Go gongwe o ka re itsise tsa leeto la rona le re leng mo go lone.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan