Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 13:4 - Setswana 1970

4 Mme jaanong a ko o itise; se nwe weine le fa e le bojalwa le e seng go ja sepe se se sa itshekang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi yana a ko u itise, mi u si noe boyaloa yoa movina, le esiñ boyaloa yo bo thata, mi u si ye sepe se se itsekologileñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Ke gone jaana, ke a go rapela o itise, o se ka wa nwa bojalwa bope jwa mofine, le fa e le bojalwa jo bo loileng, le gone o se ka wa ja sepe se se itshekologileng,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 13:4
8 Iomraidhean Croise  

Le tsotlhe tse di maroo mo ditsheding tsotlhe tse di tsamayang ka maoto a mane di lo itshekologetse. Mongwe le mongwe yo a amang ditoto tsa tsona o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.


gore lo tle lo itse go farologanya tse di sa itshekang le tse di itshekileng le ditshedi tse di ka jewang le tse di sa tshwanelang go jewa.’ ”


ka gonne o tla nna mogolo fa pele ga Morena. Ga a nke a nwa weine, le fa e le seno se se tagang, mme o tla tlala Mowa o o Boitshepo go tloga sebopelong sa ga mmaagwe.


Mme Petoro a re: “A go se nne jalo, Morena; gonne ga ke ise nke ke je sepe se se ilegang, le fa e le se se itshekologileng.”


Moengele wa Morena a araba Manoa a re: “A mosadi a itise mo go tsotlhe tse ke di mmoleletseng.


A a se je sepe se se tswang mo setlhareng sa moweine; a se ka a nwa weine le fa e le bojalwa; a se ka a ja sepe se se sa itshekang. Tsotlhe tse ke di mo laetseng a a di tshegetse.”


O ntheile a re: ‘Bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. Mme jaanong, se nwe weine le fa e le bojalwa, o se je sepe se se sa itshekang; gonne mosimane yoo, e tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong go ya letsatsing la loso lwa gagwe.’ ”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan