Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 13:16 - Setswana 1970

16 Mme Moengele wa Morena a fetola Manoa a re: “Le fa o ka ntia, ga ke ne ke ja dijo tsa gago. Mme fa o rata go direla Morena setlhabelo sa phiso, se baakanye.” Kana Manoa o ne a sa itse fa e le Moengele wa Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi moengela oa Yehova a raea Manoe, Leha u ’nthiba, ga ’nkitla ki ya ga liyo tsa gago: mi ha u riha cupelo ea phisho, u e hisetse Yehova. Gone Manoe a la a sa itse ha e le moengela oa Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Moengele wa ga Jehofa a raya Manoa a re: “Le fa o ntia ga nketla ke ja dijo tsa gago; mme fa o rata go baakanya tshupelo e e fisiwang, o tlaa e isetsa Jehofa.” Gonne Manoa o ne a sa itse fa e le moengele wa ga Jehofa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 13:16
5 Iomraidhean Croise  

Ke tla lo tlisetsa thathana ya bogobe gore lo lapolose dipelo tsa lona. Morago ga moo lo ka feta. Gonne ke ka moo lo fapogetseng kwa motlhankeng wa lona.” Ba araba ba re: “Dira ka fa o buileng ka teng.”


Mme Moengele wa Morena a se ka a tlhola a iponatsa gape mo go Manoa le e seng mo mosading wa gagwe. Ke fa Manoa a lemoga gore e ne e le Moengele wa Morena.


Mme mosadi wa gagwe a mo fetola a re: “Fa Morena a ka bo a ratile go re bolaya, o ka bo a se ka a amogela setlhabelo sa phiso le tshupelo ya dijo mo diatleng tsa rona; le gona o ka bo a se ka a re bontsha dilo tsotlhe tse le e seng go re utlwisa tse re sa tswang go di utlwa jaanong.”


Mme Moengele wa Modimo a mo raya a re: “Tsaya nama le dinkgwe, o di bee mo lefikeng lele, o tshele moro mo go tsona.” A dira jalo.


Gape o agele Morena, Modimo wa gago, aletare mo setlhoeng se se ageletsweng sa thaba e ka go tlhatlaganya matlapa, o tsee poo ya bobedi ele, o dire setlhabelo sa phiso ka dikgong tsa ga Ašera yo ò tla mo fatsang.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan