Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 12:5 - Setswana 1970

5 Mme ba Gileate ba tseela Baeferaime matsibogo a Joretane. Jaanong e ne ya re fa motshabi wa Baeferaime a re: “Nteng ke tshele!” banna ba Gileate ba mmotse ba re: “A o Moeferaime?” Fa a re: “Nnyaya!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi Bagileada ba kaba matsibogo a Yoredane pele ga Baeferaima: mi ga rihala, ha moñue oa Baeferaima ba ba pherileñ, a re, A ki khabaganye; bana ba Gileada ba mo raea, A u Moeferaima? Ha a re, Nya:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Bagileate ba gapela Baeferaime matsibogo a Joretane. E ne e tle e re fa mongwe wa bafaladi ba Eferaime a bua a re: “Mmang ke kgabaganye,” foo banna ba Gileate ba mo reye ba re: “A o Moeferaime?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 12:5
9 Iomraidhean Croise  

Le Jerobeame morwa Nebate Moeferaime wa kwa Sereta, motlhanka wa ga Salomo, a tsholeletsa kgosi letsogo. Leina la ga mmaagwe e ne e le Serua, mosadi wa motlholagadi.


Jaanong banna ba ba latela ka tsela e e yang kwa Joretane go fitlha kwa madibogong. Mme kgoro ya tswalwa balatedi ba bone ba sena go tswela kwa ntle.


Mme Baiseraele ba utlwa go twe: “Bonang, Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba agile aletare mo lefatsheng la Kanana kwa marakeng a dithako fa Joretane ka kwano mo ntlheng ya Baiseraele.”


Ke fa Ifetha a kgobokanya banna botlhe ba Gileate, a tlhabana le Baeferaime, mme ba bolaya Baeferaime; ka gonne Baeferaime ba ne ba buile ba re: “Lo bafalodi ba Eferaime fela;” Gileate o fa gare ga Eferaime le Manase.


ba mmuise ba re: “E re Šibolethe!” Mme fa a re Sibolethe, a sa ele tlhoko go bua ka tshwanelo, ba mo tshware ba mmolae fa matsibogong a Joretane. Ka sebaka seo ga bolawa Baeferaime ba le 42 000.


Jaanong go ne ga tla lekau le tswa kwa Betleheme wa Juta kwa losikeng lwa Juta. E ne le Molefi, a tlile teng go jaka.


Mme a ba raya a re: “Ntshaleng morago, gonne Morena o neetse Bamoabe, baba ba lona, mo diatleng tsa lona.” Ba fologa, ba mo sala morago, ba tseela Bamoabe matsibogo a Joretane, ba sa dumelele ope go tshela.


Gape Giteone a roma barongwi kwa dithabeng tsotlhe tsa ga Eferaime a re: “Fologang lo kgatlhantshe Bamidiane, lo ba thibelelele metsi go fitlha kwa Bethe-Bara le Joretane!” Ke fa go kuiwa banna botlhe ba Eferaime, ba ba thibelelela metsi go fitlha kwa Bethe-Bara le Joretane.


Go no go le monna mongwe wa kwa Rama wa losika lwa ga Sufe lwa kwa dithabeng tsa Eferaime. Leina la gagwe e ne e le Elekana morwa Jerohame morwa Elihu morwa Thohu morwa Sufe wa Moeferaime.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan