Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 12:1 - Setswana 1970

1 Jaanong banna ba Eferaime ba kuiwa, ba ya kwa bokone, ba feta ba raya Ifetha ba re: “Ke ka ntlha ya eng fa e rile o bolola go tlhabana le Baamone, wa se ka wa re bitsa go ya nao? Re tla go tshubela mo ntlong ya gago ka molelo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI banona ba Eferaima ba le ba bilerioa mogo, ba khabaganyetsa kua Noreteñ, mi ba raea Yefete, U khabaganyeritseñ go tlabana le bana ba Amone, mi ga ua ka ua re bitsa go ea nau? re tla hisa eintlu ea gago le uena ka molelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Banna ba Eferaime ba ne ba phuthegile, mme ba kgabaganyetsa ntlheng ya botsheka; ba raya Jefetha ba re: “O ne o kgabaganyetsang o ya go tlhabana le bana ba Amone, mme wa se ka wa re bitsa ra tsamaya nao? Re tlaa fisetsa ntlo ya gago ka molelo mo godimo ga gago.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 12:1
14 Iomraidhean Croise  

Lorato lwa me ba lo duela ka go ntlhabantsha, etswe nna ke nnetse go rapela.


Ka ba ka lemoga gore matsapa otlhe le botswerere jotlhe mo tirong di tswa mo lefufeng la motho yo o fufegelang mongwe-ka-ene. Ka re: “Selo se le sona ke boithamako fela le go tshwara lephoro.”


E ne ya re fela fa Eferaime a bua, go nne letshogo; e ne e le yo mogolo mo Iseraeleng, mme a leofa ka Baale, a ba a swa.


Fa bogosi bo ikgaogantse ditlhopha tse di lwang, bogosi joo ga bo ka ke jwa tlhomama.


Jesu a ba fetola a re: “Ke lo bontshitse ditiro tse di molemo di le dintsi tse di tswang go Rara; lo nkgobotleletsa tiro efe ya tsona?”


Gonne kwa go leng lefufa le kgang teng, gona go na le tlhakatlhakanyo le tiro nngwe le nngwe e mpe.


Ka ngwaga le ngwaga bomorwadia Iseraele ba ya go opelela morwadia Ifetha wa kwa Gileate malatsi a le mane.


Mme Ifetha a ba fetola a re: “Nna le morafe wa me re ne re le mo ntweng e kgolo thata le Baamone, ka lo kua, mme lwa gana go tla go mpholosa mo diatleng tsa bone.


Ya re ka letsatsi la bone ba raya mosadi wa ga Simesone ba re: “Kgona monna wa gago gore a re lepololele nyepo eo, e se re gongwe ra go fisa le ntlo ya ga rraago. A lo re laleditse go tla go re humanegisa gongwe nnyaya?”


Ke fa Bafelesita ba botsa ba re: “Ke mang yo o dirileng jalo?” Ba re: “Ke Simesone mogwe wa monna wa kwa Thimena, ka gonne o mo amogile mosadi, a mo neela mongwe-ka-ene.” Ka moo Bafelesita ba bolola, ba fisa mosadi le rraagwe ka molelo.


Ke fa banna ba Baeferaime ba mo sekisa ba re: “O ne o direlang jalo, fa o sa re bitse maloba fa o ya go tlhabana le Bamidiane?” Ba mo omanya thata jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan