Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 11:8 - Setswana 1970

8 Bagolo ba Gileate ba raya Ifetha ba re: “Ke ka moo re boetseng kwa go wena jaanong. Mme fa o ya le rona, o tlhabana le Baamone, o tla nna tlhogo ya rona ya baagi botlhe ba Gileate.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi bagolu ba Gileada ba raea Yefete, Ki gona re boetseñ go uena yana, gore u ee le rona, go tlabana le bana ba Amone, mi u tla na tlogo ea rona mo banniñ ba Gileada botle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Bagolwane ba Gileate ba raya Jefetha ba re: “Ke gone ka fa re retologetseng mo go wena gompieno ka gone, gore o tle o tsamaye le rona, re ye go tlhabana le bana ba Amone, mme o tlaa nna tlhogo ya rona mo godimo ga banni botlhe ba Gileate.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 11:8
8 Iomraidhean Croise  

Ke fa kgosi e simolola go bua, e raya monna wa Modimo e re: “A ko o kope bopelotlhomogi mo sefatlhegong sa Morena, Modimo wa gago, o nthapelele gore letsogo la me le boele go nna.” Monna wa Modimo a kopa bopelotlhomogi mo sefatlhegong sa Morena. Mme letsogo la kgosi la boela kwa go yona, la nna jaaka pele.


Mme jaanong a ko lo itshwarele boleo jwa me gangwe fela e le la bofelo, lo rapele Morena Modimo wa lona gore a tlose loso loo mo go nna.”


Farao a re: “Ke tla lo naya tsela gore lo direle Morena Modimo wa lona ditlhabelo mo sekakeng. Fela lo se ka lwa ya kgakala thata. Le gona lo nthapelele.”


Ke fa Farao a bitsa Moše le Arone a re: “Nthapeleleng Morena gore a tlose digwagwa mo go nna le mo morafeng wa me. Foo ke tla naya morafe tsela gore o ye go direla Morena ditlhabelo.”


Nthapeleleng Morena. Ditumo tsa maru tsa Modimo le sefako le magadima di feta tekanyo. Ke tla lo lesa gore lo tsamae; ga nke ke tlhola ke lo dia.”


Ke fa batho, e bong dikgosana tsa Gileate, ba raana ba re: “Ke monna ofe yo o tla simololang go tlhabana le Baamone? Ene o tla nna tlhogo ya baagi botlhe ba Gileate.”


Mme Ifetha a fetola bagolo ba Gileate a re: “Fa lo mpusetsa kwa gae go ya go tlhabana le Baamone, Morena a ba a nnaya go ba fenya, gona ke tla nna tlhogo ya lona.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan