Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 11:16 - Setswana 1970

16 Gonne e rile Baiseraele ba bolola kwa Egepeto, ba sepela mo sekakeng go fitlha kwa Lewatleng la Motlhaka, ba be ba fitlha kwa Kateše.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Gone erile Bayeserela ba coa mo Egepetoñ, ba sepela mo bogareñganaga ba ea Leoatleñ ye le Hubiru, mi ba hitla Kadesha;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Mme e rile ba tswa Egepeto, Iseraele a ralala naga go ya Lewatleng le Lehibidu, mme a fitlha mo Kateše;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 11:16
9 Iomraidhean Croise  

Ba boa ba fitlha kwa Ene-Mišephate, e bong Kateše, ba thopa naga yotlhe ya Baamaleke le Baamori ba ba neng ba agile kwa Hasesone-Thamare.


Ba ya ba fitlha kwa go Moše le Arone le phuthegong yotlhe ya Baiseraele kwa sekakeng sa Pharane kwa Kateše, ba ba bolelela tsa kwa ba tswang le phuthego yotlhe, ba ba bontsha maungo a lefatshe.


Baamaleke le Bakanana ba agile mo lebaleng. Kamoso lo retologe, lo bolole go ya kwa sekakeng ka tsela e e yang kwa Lewatleng la Motlhaka.”


Jaanong Baiseraele, e bong phuthego yotlhe, ba fitlha kwa sekakeng sa Tsine ka kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa 40; morafe wa nna kwa Kateše, mme Miriame a swela gona, a ba a fitlhwa teng.


Lo ne lo tsisetsang phuthego ya Morena mo sekakeng seno gore re swele fano le diruiwa tsa rona?


Mme lona, boang lo kuologe lo ye kwa sekakeng ka tsela ya Lewatle la Motlhaka.’


Lwa nna kwa Kateše malatsi a mantsi, e bong ona malatsi a lo neng lo nna teng ka ona.


Gonne Baiseraele ba ne ba sepela dinyaga di le 40 mo sekakeng ga tsamaya setšhaba sotlhe sa banna ba batlhabani ba ba hudugileng kwa Egepeto sa nyelediwa, ka ba se ka ba utlwa lentswe la Morena. Ke bone ba Morena o neng a ba ikanela a re, ga a kitla a ba abela lefatshe le Morena o neng a le solofeditse borraabo ka maikano a re: “O tla le re naya, e bong lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.”


gore ba ye go e raya ba re: “Ifetha o bua jaana a re: Ga go a nna jalo, Baiseraele ga ba a tsaya lefatshe la Moabe le e seng la Baamone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan