Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 11:12 - Setswana 1970

12 Jaanong Ifetha a roma barongwi kwa kgosing ya Baamone a re: “O batlang mo go nna fa o tlile go ntlhabantshetsa lefatshe la me?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 ¶ Mi Yefete a romela go khosiñ ea bana ba Amone baroñoi, a re, Re rihanyeñ ka u ’ntletse go tlabana le na mo hatsiñ ya me?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Jefetha a roma batho kwa kgosing ya bana ba Amone, ba re: “Ga twe: O dirang ka nna, fa e bo ne ne o mpololetse jaana go tlhabana le lefatshe la gaetsho?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 11:12
11 Iomraidhean Croise  

E rile ba ntse ba le kwa Kateše, Moše a roma barongwi kwa kgosing ya Baetomo a re: “Baiseraele, bomorwaa-rraago, ba bua jaana ba re: O itse pogisego yotlhe e e re dirafaletseng.


Jaanong Baiseraele ba roma barongwi kwa go Sihone, kgosi ya Baamori ba re:


Ba goa ba re: “Re na le kopano efe le wena, Morwa Modimo? A o tsile kwano go re tlhokofatsa e ise e nne nako?”


“Ya re re le kwa sekakeng sa Ketemothe, ka roma barongwi kwa go Sihone kgosi ya Hešebone ka mafoko a kagiso, ka re:


Jaanong Ifetha a ya le bagolo ba Gileate, mme morafe wa mo dira tlhogo le molaodi wa ona. Ifetha a ba a bolela mafoko aotlhe a gagwe fa pele ga Morena kwa Mitsepha.


Kgosi ya Baamone ya fetola barongwi ba ga Ifetha ya re: “Kana e rile Baiseraele ba tlhaga kwa Egepeto, ba tsaya naga ya me go tloga nokeng ya Arenone go ya go fitlha kwa go ya Jaboke le ya Joretane. Jaanong e nthebolele, foo ke tla tsamaya ka kagiso.”


Mme Ifetha a ba fetola a re: “Nna le morafe wa me re ne re le mo ntweng e kgolo thata le Baamone, ka lo kua, mme lwa gana go tla go mpholosa mo diatleng tsa bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan