Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 11:11 - Setswana 1970

11 Jaanong Ifetha a ya le bagolo ba Gileate, mme morafe wa mo dira tlhogo le molaodi wa ona. Ifetha a ba a bolela mafoko aotlhe a gagwe fa pele ga Morena kwa Mitsepha.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Yefete a ea yalo le bagolu ba Gileada, mi bathu ba mo itihela tlogo le molaori: mi Yefete a bua mahuku a gague aotle ha pele ga Yehova kua Mitsepa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Foo Jefetha a ya le bagolwane ba Gileate, mme batho ba mo dira tlhogo le kgosi mo go bone; Jefetha a bua mafoko otlhe a gagwe fa pele ga Jehofa mo Misepa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 11:11
14 Iomraidhean Croise  

Ga se gore rona ka rosi re nonofile go ka akanya sengwe ka borona, mme nonofo ya rona e tswa mo Modimong


Neo nngwe le nngwe e e molemo le mpho nngwe le nngwe e e tletseng e tswa kwa godimo, e fologa kwa go Rra-masedi yo go se nang phetogo epe mo go ene, le e seng kamogano ya bosigo le motshegare.


Mme fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a bo kope mo Modimong o o nayang mongwe le mongwe ka boitumelo, o sa nyatse, mme o tla bo newa.


le Dileane le Mitsepha le Jokethele


Jaanong Baamone ba kuiwa, ba thibelela kwa Gileate. Le Baiseraele ba phuthega, ba thibelela kwa Mitsepha.


Jaanong Ifetha a roma barongwi kwa kgosing ya Baamone a re: “O batlang mo go nna fa o tlile go ntlhabantshetsa lefatshe la me?”


Ke fa Mowa wa Morena o tsena mo go Ifetha, mme a ralala naga ya Gileate le ya Manase, a fetela kwa Mitsepha yo o mo Gileate. Go tswa teng a fetela kwa go Baamone.


Mme ya re Ifetha a goroga kwa Mitsepha mo lapeng la gagwe, a rakana le morwadie a tswa mo ntlong go mo kgatlhantsha ka meropana le dipina; mme e ne e le ngwana o esi, go se na ope yo o tsetsweng nae, mosimane kampo mosetsana.


Ke fa Baiseraele botlhe ba bolola; phuthego ya phuthegela kwa Mitsepha fa pele ga Morena ka seopo se le sengwe go tswa kwa Dane go ya kwa Bereseba le ba lefatshe la Gileate.


Jaanong Samuele a biletsa morafe kwa Moreneng kwa Mitsepha,


Ke fa banna botlhe ba ya kwa Gilegala, ba dira Saule kgosi sešwa fa pele ga Morena teng kwa Gilegala; ba tlhaba ditlhabelo tsa tebogo teng fa pele ga Morena. Saule le banna botlhe ba Iseraele ba itumela thata gona.


Ya re Samuele a sena go utlwa mafoko otlhe a morafe, a a bolela mo ditsebeng tsa Morena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan