Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 10:9 - Setswana 1970

9 Le gona Baamone ba tshela Joretane go tlhabana le Bajuta le Babenyamene le Baeferaime, mo Baiseraele ba bileng ba pitlaganngwa thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Le bona bana ba Amone ba khabaganya Yoredane go tlabana le Bayuda le Babenyamina, le ba eintlu ea Eferaime: mi Bayeserela ba pitlagañoa segolu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Bana ba Amone ba kgabaganya Joretane ba ya go tlhabana le Juta, le Benjamine, le ntlo ya ga Eferaime; mme Iseraele a pitlagana thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 10:9
13 Iomraidhean Croise  

Ba kile ba bololelwa ke Sera wa Moethiopia, a tla a na le batlhabani ba le sedikadike le dikoloi tsa ntwa di le 300, a fitlha kwa Mareša.


Metlheng eo ba ba bololang le ba ba gorogang ba tlhoke kagiso; gonne ditherego tse dikgolo di ne di imela baagi botlhe ba mafatshe.


Le gona ga o kitla o iketla kwa ditšhabeng tseo, go se na boikhutso jwa pato ya lonao lwa gago; teng Morena o tla go naya pelo e e roromang le matlho a a tlhontseng le mowa o o itlhobogang.


Ke fa Baiseraele ba lelela Moreneng ba re: “Re go leofetse; gonne re go tlogetse, Modimo wa rona, ra direla boBaale.”


Ba bogisa Baiseraele, ba ba gatelela setlhogo dinyaga di le 18 ka sebaka seo, e bong Baiseraele botlhe ba ba kwa moseja ga Joretane mo nageng ya Baamori e e kwa Gileate.


Ga tla malatsi a ntwa ya Baamone le Baiseraele.


Gongwe le gongwe kwa ba neng ba tswela teng seatla sa Morena se ne se lwa nabo go ba direla tse di botlhoko, jaaka Morena a ne a boletse le jaaka Morena a ne a ba ikanetse. Mme e ne ya re fa ba le mo tlalelong e kgolo.


Jaanong e rile mabogo a Bamidiane a gatelela Baiseraele, Baiseraele ba ipaakanyetsa manno mo dikgophung tse di mo dithabeng le mo dikgageng le dikago tsa phemelo mo dithabeng ka ntlha ya go tshaba Bamidiane.


Ya re banna ba Iseraele ba ipona fa ba le mo tlalelong, mme morafe o pitlagantswe, ba iphitlha mo dikgageng le mo sekhung le mo dipharong le mo mesimeng le mo dikgatamping.


Mme Samuele a raya Saule a re: “O ntshwenyetsang ka go mpitsa?” Saule a re: “Ke tlaletswe thata. Bafelesita ba tlhabana le nna, mme Modimo o ntlogetse; ga o tlhole o nkaraba le e seng ka baporofeti le e seng ka ditoro. Ke ka moo ke go biditseng gore o nkitsise se ke tshwanetseng go se dira.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan