Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 10:6 - Setswana 1970

6 Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ba direla boBaale le boAšethorethe le medimo ya Siria le ya Sitone le ya Moabe le ya Baamone le ya Bafelesita; ba tlogela Morena, ba se ka ba mo direla.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 ¶ Mi bana ba Yeserele, ba hela ba shulatsa mo maitloñ a ga Yehova ba rihela Bobaala, le Ashetarote, le merimo ea Basiria, le merimo ea Batsidona, le merimo ea Bamoaba, le merimo ea bana ba Amone, le merimo ea Bafiliseta, ba latla Yehova, ba sa ka ba mo rihela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Bana ba Iseraele ba dira se se bosula gape mo matlhong a ga Jehofa, ba direla boBaale, le boAšetarothe, le medimo ya Siria, le medimo ya Sitone, le medimo ya Moabe, le medimo ya bana ba Amone, le medimo ya Bafilisitia; ba latlha Jehofa, ba se ka ba mo direla.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 10:6
32 Iomraidhean Croise  

Ke ka gonne o ntlogetse, a obamela Ašethorethe modimo wa sesadi wa Basitone le Kamose modimo wa Bamoabe le Milekome modimo wa Baamone, mme a se ka a sepela mo ditseleng tsa me ka go dira tse di siameng mo matlhong a me, e bong melao ya me le ditshiamelo tsa me jaaka Dafita rraagwe.


Salomo a sala Ašethorethe modimo wa sesadi wa Basitone morago, a ba a latela Milekome maila a Baamone.


Kamose, maila a Bamoabe, le Mologe, maila a Baamone, Salomo a ba agela dithota tsa tlhabelo mo thabeng e e mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Jerusalema ka sebaka seo.


O ne a galala go sepela mo maleong a ga Jerobeame morwa Nebate, o bile a oketsa ka go nyala Isebele morwadia Ethebaale, kgosi ya Basitoni, a tloga gape a direla Baale a mo obamela.


Mme ba tlogela ditaolo tsotlhe tsa Morena, Modimo wa bone, ba itirela dinamane tse pedi tse di bopilweng, ba dira setshwantsho sa Ašera, ba obamela lesomo lotlhe la legodimo, ba direla Baale.


Le gona kgosi ya itshekolola dithota tsa tlhabelo tse di neng di le ntlheng ya botlhabatsatsi ya Jerusalema, di le mo ntlheng ya borwa ya Thaba ya Tshenyego tse Salomo kgosi ya Iseraele o neng a di agetse Ašethorethe, modimo o o ilegang wa Basitone le Kamose o o ilegang wa Bamoabe le Milekome o o makgapha wa Baamone.


A tlhabela medimo ya Damaseko e e mo fentseng, a ithaya a re: “E re ka medimo ya dikgosi tsa Siria e di thusa, ke tla e direla ditlhabelo gore e nthuse,” mme e ne e le yona e e mo digang le Baiseraele botlhe.


Ba direla medimo ya bona ya diseto e e tlogileng ya nna serai mo go bona.


Tlhajwa ke ditlhong, wena Sitone, gonne lewatle le a bua, ee, kago ya phemelo fa lewatleng e bua e re: “Ga ke a segwa ke leralalo, ga ke a belega; ga ke a godisa makau le e seng makgarebe.”


“Gonne morafe wa me o dirile masula a mabedi: Ba ntlogetse ke le motswedi wa metsi a a phelang, ba ya ba ikgabela dikgatampi, e leng dikgatampi tse di phanyegileng, tse di sa tshwareng metsi.


“Gonne ga o bolo go roba joko ya gago le go kgaola dikgole tsa gago wa re: ‘Ga ke rate go go direla.’ Gonne o ntse o ithobatsa fatshe o le seaka mo dithabaneng tsotlhe tse di godimo le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala.


Ba tsenye mo go lone, ba le rua, mme ba sa utlwe lentswe la gago, ba sa sepele ka fa molaong wa gago, ba sa dire sepe sa dilo tse o di ba laetseng gore ba di dire. Ke ka moo o ba digetseng mo tatlhegong yotlhe e.


Basiria ba ne ba rekisanya nao ka ntlha ya bontsi jwa tse o di direlang thekiso. Ba ntsha majwana a mahibidu le masela a mahibidu le masela a a mebalabala le masela a mantle le mekgabo ya dikorala le majwana a mahibitswana, ba reka dithoto tsa gago ka tsona.


“Fa morwa-rraago gongwe morwa-mmaago gongwe morwao gongwe morwadio gongwe mosadi yo ò mo ratang gongwe mongwe-ka-wena yo ò mo ratang jaaka o ithata, a go raela sephiring a re: ‘A re ye, re direle medimo e sele’ – e o sa e itseng le e seng borraeno,


o se ka wa dumelelana nae le e seng go mo utlwa. A leitlho la gago le se ka la mo utlwela botlhoko, o se ka wa mo rekegela le e seng go mo loba.


Morena a raya Moše a re: “Bona, o tla robala le borraago, mme morafe o, o tla sala o dira boaka ka go latela medimo e sele ya lefatshe le o tla tsenang mo go lone; teng o tla ntlogela, o senya kgolagano ya me e ke e dirileng nabo.


Ka sebaka seo bogale jwa me bo tla o tukela, mme ke tla ba tlogela, ke ba subela sefatlhego sa me, mo ba tla jegang, ba dirafalelwa ke masula a mantsi le ditlalelo. Ka sebaka seo ba tla re: ‘A ga re a dirafalelwa ke masula ao, ka Modimo wa rona o se na le rona?’


“Ješurune a nona, a ja mokaragana – wa nona, wa tswa mmele, wa akola – a tlhokomologa Modimo o o mo dirileng, a nyatsa lefika la pholoso ya gagwe.


le bontlhanngwe jwa Gileate le Ašetharothe le Eterei yona metse ya puso ya ga Oge mo Basane. Ke yona naga ya bomorwa Magire morwa Manase; ke ya bontlhanngwe jwa bomorwa Magire ka fa ditshikeng tsa bone.


Jaire a ba a swa, a fitlhwa kwa Kamone.


A ga ke re, wena o tshwanetse go tsaya naga e o e filweng ke Kamose, modimo wa gago? Le rona re tsaya naga jalo ya mongwe le mongwe yo o lelekilweng ke Morena, Modimo wa rona.


Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bafelesita dinyaga di le 40.


Jaanong tsatsi le lengwe dikgosana tsa Bafelesita tsa kgobokana go tlhabela Dagone, modimo wa bone, ditlhabelo tse dikgolo le go itumela. Ke fa ba opela ba re: “Modimo wa rona o neetse Simesone, mmaba wa rona, mo diatleng tsa rona!”


Jaanong Baiseraele ba nna ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ba lebala Morena, Modimo wa bone, ba direla boBaale le boAšera.


Mme e rile Ehute a sena go swa, Baiseraele ba boela gape go dira tse di bosula mo matlhong a Morena.


Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bamidiane dinyaga tse supa.


Mme ya re fela Giteone a sena go swa, Baiseraele ba boela kwa morago, ba dira boaka ka go latela boBaale, ba ipeela Baale-wa-kgolagano go nna modimo wa bone.


Jaanong Bafelesita ba tsaya Letlole la Modimo, ba le isa kwa ntlong ya Dagone, ba le baya fa thoko ga Dagone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan