Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 10:16 - Setswana 1970

16 Le gona ba tlosa medimo e sele mo gare ga bona, ba direla Morena. Ke fa a tlhomoga pelo ka ntlha ya pogisego ya Baiseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi ba tlosa merimo ea seeñ go bona, mi ba rihela Yehova: mi moea oa gague oa noñoselela khokholelo ea Bayeserela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Mme ba tlosa medimo e e leng e sele ya seeng mo go bone, ba direla Jehofa; mme mowa wa gagwe wa tlhokofala ka ntlha ya matladika a Iseraele o ne a le mo go one.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 10:16
27 Iomraidhean Croise  

ke fa Morena a ikwatlhaya, ka a dirile batho mo lefatsheng, a hutsafala mo pelong ya gagwe.


Fela Morena a ba tlhomogela pelo, a ba utlwela botlhoko, a ba ngoka ka ntlha ya kgolagano ya gagwe e o e dirileng le Aborahame le Isaka le Jakobe; a se ka a rata go ba senya, a se ka a ba latlha fa pele ga gagwe go fitlha foo.


E rile Asa a utlwa mafoko ao le thero ya ga Asaria morwa Otete moporofeti, a itshupa a tiile, a tlosa medimo e e maila mo lefatsheng lotlhe la Juta le la Benyamene le mo metseng e o neng a e thopile kwa dithabeng tsa Eferaime; a ba a ntšhwafatsa aletare ya Morena e e neng e le fa pele ga matseno a Tempele ya Morena.


A ba a tlosa medimo ya seeng le modimo wa seseto mo Ntlong ya Morena le dialetare tsotlhe tse o neng a di agile mo thabeng ya Ntlo ya Morena le mo Jerusalema, a di latlhela kwa ntle ga motse.


mme morafe wa me o o bidiwang ka fa leineng la me o ikokobetsa, ba rapela, ba batla sefatlhego sa me, ba boa mo ditseleng tsa bone tse di bosula, foo ke tla utlwa ke le kwa legodimong, ke itshwarela boleo jwa bone, ke alafa lefatshe la bone.


E rile pelo ya me e ntse e galakegile mme ke tlhabegile mo diphilong,


mo ditlalelong tsotlhe tsa bone; a ba thusa, e seng morongwi le e seng moengele, nnyaya, ene ka esi a ba golola ka lorato lwa gagwe le ka thekegelo ya gagwe; a ba tsholetsa, a ba belega ka malatsi otlhe a bogologolo.


A Eferaime ke morwaake yo o rategang? Gongwe a ke ngwana yo o nthabisang? Gonne ka nako le nako, fa ke bua ka ga gagwe, ke sa ntse ke na le go mo gopola. Ke ka moo maikutlo a me a mo huduegelang, ke na le go mo tlhomogela pelo.” Morena o buile jalo.


“Nka go latlha jang, Eferaime? Nka go tlogela jang, Iseraele? Nka go dira jang jaaka Atema? Nka go senya jang jaaka Seboime? Ke tlhomoga pelo, ke go utlwela botlhoko thata.


Eferaime o ka tlhola a dira eng ka medimo ya diseto? Nna ke mo utlwile, ke tla nna ke mo tlhokomela. Ke tla nna jaaka setlhare sa mosiperese se setala. Maungo a gago a tla tswa mo go nna.”


Ke mang yo e leng Modimo jaaka wena o o itshwarelang molato, o o iphapaanyang tlolo ya masalela a boswa jwa ona? Ga o nke o boloka bogale jwa ona ka bosakhutleng, gonne o natefelwa ke bopelotlhomogi.


A ba a nanoga, a ya kwa go rraagwe. “Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a mmona, a tlhomoga pelo, a taboga, a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla.


Ya re a atamela, mme a bona motse, a o lelela


a re: “Lo mo laditse kae?” Ba mo raya ba re: “Morena, tlaa o bone.”


Mme tsholanang ka bopelontle, lo utlwelane botlhoko, lo itshwarelane jaaka Modimo le ona o lo itshwaretse ka Keresete.


Gonne Morena o tla direla morafe wa gagwe tshiamo, a utlwela batlhanka ba gagwe botlhoko. Gonne o tla bona, fa thata e feleletse, fa go feleletse yo o bofegileng le yo o gololesegileng.


Ke ka moo ke neng ka galefela losika loo ka re: ‘Ba timela ka gale ka dipelo; mme ga ba a ka ba lemoga ditsela tsa me,’


Gonne moperesiti yo mogolo wa rona ga se yo o palelwang ke go utlwela makoa a rona botlhoko, mme re na le yo o neng a raelwa mo dilong tsotlhe fela jaaka rona, mme a se ka a leofa.


“Ka moo he tlosang medimo e sele e e mo go lona, mme a dipelo tsa lona di sekamele ka fa Moreneng, Modimo wa Iseraele!”


Mme e ne ya re fa Morena a ba tsosetsa baatlhodi, Morena a nne le baatlhodi, a ba golole mo diatleng tsa baba ba bone ka malatsi aotlhe a moatlhodi. Ka gonne Morena o ne a ba tlhomogela pelo, fa ba ledisiwa ke ba ba ba pitlaganyang, ba ba gatelela.


Ke fa ba goela Moreneng ba re: ‘Re leofile, gonne re go tlogetse, Morena, ra direla boBaale le boAšethorethe. Mme jaanong re golole mo diatleng tsa baba ba rona, foo re tla go direla.’


Mme Samuele a raya Baiseraele botlhe a re: “Fa lo rata go boela kwa Moreneng ka pelo yotlhe, tlosang medimo e sele e e mo gare ga lona le boAšethorethe, lo ineele Morena ka dipelo tsa lona, lo mo direle a le esi; foo o tla lo pholosa mo diatleng tsa Bafelesita.”


Ke fa Baiseraele ba tlosa boBaale le boAšethorethe, ba direla Morena a le esi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan