Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 10:13 - Setswana 1970

13 Mme lona lo ntlogetse, lwa direla medimo e sele; ke ka moo ke sa ka keng ka tlhola ke lo thusa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Leha gontse yalo lo ’ntatlile, loa rihela merimo e sele: ki gona ki si kitlañ ki hela ki lo golola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Le fa go ntse jalo lo ntatlhile, lo diretse medimo e sele; ke gone ga nketla ke tlhola ke lo golola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 10:13
11 Iomraidhean Croise  

“Wena morwaaka Salomo, itse Modimo wa ga rraago, ò o direle ka pelo yotlhe le ka mowa o o etleetsegileng; gonne Morena o ntse a tlhotlhomisa dipelo tsotlhe, a tlhaloganya maano otlhe a dikakanyo. Fa o o batla, o tla o bona, mme fa o o tlogela, foo o tla go latlha ka bosakhutleng.


Ke fa moporofeti Semaya a tla kwa go Rehabeame le kwa dikgosaneng tsa Juta tse di neng di phuthegetse kwa Jerusalema di tshabile Sisake, a ba raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Lona lo ntlogetse. Ke ka moo le nna ke lo tlogetseng lo le mo diatleng tsa ga Sisake.’ ”


a tswa go kgatlhantsha Asa, a mo raya a re: “Ntheetsang, wena Asa le lona Bajuta le Babenyamene lotlhe: Morena o na le lona, fa lona lo na nae. Fa lo mmatla, lo tla mmona. Mme fa lo mo tlogela, o tla lo tlogela.


Ka mokgwa oo Baetomo ba ikepa mo pusong ya Juta go fitlha letsatsing la kajeno. Foo ka sebaka seo ga ikepa le motse wa Lebena, wa tswa mo pusong ya gagwe; gonne o ne a tlogetse Morena, Modimo wa borraagwe.


“Gonne morafe wa me o dirile masula a mabedi: Ba ntlogetse ke le motswedi wa metsi a a phelang, ba ya ba ikgabela dikgatampi, e leng dikgatampi tse di phanyegileng, tse di sa tshwareng metsi.


Bosula jwa gago bo tla go otla, boikepo jwa gago bo tla go betsa. Lemoga o bone gore ke botlhoko jo bo galakang, fa o tlogela Morena, Modimo wa gago, o sa mpoife, go bua Morena, Modimo wa masomosomo.


Ba ba tlotlang medimo ya boithamako, ba tlogela yo o bopelotlhomogi le bone.


“Ješurune a nona, a ja mokaragana – wa nona, wa tswa mmele, wa akola – a tlhokomologa Modimo o o mo dirileng, a nyatsa lefika la pholoso ya gagwe.


Yaang lo lele medimong e lo e itlhophetseng! A yona e lo thuse ka sebaka sa tlalelo ya lona!”


ba tlogela Morena, Modimo wa borraabo, yo o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ba latela medimo e sele, e bong medimo ya merafe e e mo tikologong ya bone, ba e obamela, ba gakatsa Morena ka go dira jalo.


Fela e ne ya re fa moatlhodi a swa, ba boele kwa morago, ba senye bogolo go borraabo ka go latela medimo e sele, ba e direle, ba e obamele. Ba se ke ba tlogele sepe sa ditiro tsa bone le sa tsamao ya bone ya botlhogoethata.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan