Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 10:11 - Setswana 1970

11 Mme Morena a raya Baiseraele a re: “A ga ke re, ke lo golotse mo go Baegepeto le mo go Baamori le mo go Baamone le mo go Bafelesita?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi Yehova a raea bana ba Yeserele, A ga kia ka ka lo golola go Baegepeto, le go Baamora, le go baneñ ba Amone, le go Bafiliseta?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Jehofa a raya bana ba Iseraele a re: “A ga ke a lo golola mo go Baegepeto, mo go Baamore, mo baneng ba Amone, le mo go Bafilisitia?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 10:11
14 Iomraidhean Croise  

Ka letsatsi leo Morena o namoletse Baiseraele jalo mo diatleng tsa Baegepeto, mme Baiseraele ba bona ditoto tsa Baegepeto fa losing lwa lewatle.


Mme ba mmolaya le bomorwawe le batlhabani botlhe ba gagwe, a be a se ka a salelwa ke mofalodi ope; ba thopa lefatshe la gagwe jalo.


Ke ka tumelo ba kgabagantseng Lewatle le Lehibidu, jaaka e kete ke lefatshe le le omileng; ya re Baegepeto ba leka jalo, ba nwela.


ba tlogela Morena, Modimo wa borraabo, yo o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ba latela medimo e sele, e bong medimo ya merafe e e mo tikologong ya bone, ba e obamela, ba gakatsa Morena ka go dira jalo.


Mme a ba raya a re: “Ntshaleng morago, gonne Morena o neetse Bamoabe, baba ba lona, mo diatleng tsa lona.” Ba fologa, ba mo sala morago, ba tseela Bamoabe matsibogo a Joretane, ba sa dumelele ope go tshela.


Morago ga gagwe ga bo go le Samegare morwa Anathe yo o neng a bolaya banna ba le 600 ba Bafelesita ka lešwane la dipholo. Le ene a golola Baiseraele jalo.


E rile Jakobe a sena go fitlha kwa Egepeto, mme borraeno ba rapela Morena, Morena a roma Moše le Arone, mme ba ntsha borraeno kwa Egepeto, ba ba baya mo lefatsheng leno.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan