Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 1:9 - Setswana 1970

9 Morago ga moo Bajuta ba ya go tlhabana le Bakanana ba ba neng ba agile kwa dithabeng le kwa borwa le mo nageng e e kwa tlase.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 ¶ Mi morago ga mouo bana ba Yude ba bolola go tlabana le Bakanana, ba ba nntseñ mo lithabeñ, le kua Souta, le mo mogorogoroñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Morago ga moo bana ba Juta ba ya go tlhabana le Bakanana ba ba neng ba agile mo lefatsheng la makgabana, le kwa Borwa, le kwa lefatsheng le le kwa sehuting.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 1:9
7 Iomraidhean Croise  

Morago ga moo Aborame a fetela pele, a ntse a tsamaela kwa borwa.


Jaanong Jošua a bolola gape, a tswa mo Egelone, a na le Baiseraele botlhe, a ya kwa motseng wa Heberone, mme ba o tlhasela,


Ka sebaka seo Jošua o bile a bolola a nyeletsa Baenake, a ba fedisa mo dithabeng le mo Heberone le mo Debire le mo Anabe le mo dithabeng tsotlhe tsa Juta le mo dithabeng tsotlhe tsa Iseraele. Jošua a dirafatsa khutso ya Modimo mo go bone le mo metseng ya bone.


Mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase fa lewatleng le mo lebaleng la Joretane le mo mekgokoloseng le mo sekakeng le mo nageng ya borwa, e bong mo dinageng tsa Bahethe le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.) Dikgosi tsa teng ke tse:


Bajuta ba be ba bololela Bakanana ba ba neng ba agile kwa Heberone – leina la Heberone pele e ne e le Khiriathe-Areba – ba fenya Sesai le Ahimane le Thalemai.


Jaanong Bajuta ba tlhasela Jerusalema, ba mo thopa, ba bolaya baagi ba teng ka bogale jwa tšhaka, ba fisa motse ka molelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan