Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 1:7 - Setswana 1970

7 Ke fa Atoni-Beseke a re: “Dikgosi tse di 70 tse di kgaotsweng menwana ya kgonotšwe ya diatla le ya dinao di ne di sela matlhotlhora fa tlase ga lobati lwa bojelo lwa me. Jaanong Modimo o mpusoloseditse ka tse ke di dirileng.” Ba mo isa kwa Jerusalema, a swela gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi Adoni‐beseke a re, Likhosi li sevente tse menuana ea khonocoe ea cona, le meno ea cona a khaocoe, li ola matlotlora tlatse ga loyelo loa me: Morimo o ’nkhopolotse yaka ki rihile. Mi ba mo isa kua Yerusalema, mi a shuela gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Atoni-beseke, a re: “Dikgosi di le 70 tse di kgaotsweng menwana ya kgonotswe, le menwana e megolo ya dinao, di kile tsa sela dijo tsa tsone fa tlase ga lomati lwa me lwa bojelo; jaaka ke dirile, Modimo o ntefeditse.” Mme ba mo isa Jerusalema, a ya a swela gone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 1:7
16 Iomraidhean Croise  

O mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: A o bolaile, o bile o tsere?’ O be o mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: Mo felong kwa dintšwa di latswitseng madi a ga Nabothe teng madi a gago le ona dintšwa di tla a latswa teng.’ ”


E nne gona o tlhabang phelehu eo, o tsee madi mangwe a yona, o a tshase mo tsebeng e e jang ya ga Arone le mo ditsebeng tse di jang tsa bomorwawe le mo menwaneng e megolo ya diatla tsa bone tse di jang le mo menwaneng e megolo ya dinao tsa bone tse di jang. O be o kgatshe madi a a setseng mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare.


A tatlhego ya gago wee, wena mosenyi yo o sa senyediwang! A tatlhego ya gago wee, wena molotsana yo o sa direlwang ka bolotsana. E tla re o sena go senya, o senngwe ka wesi; e re fa o khutlile go dira ka bolotsana, ba go direle ka bolotsana.


Bonang, botlhe ba ba go bogisang ke tla ba otla ka sebaka seo; ke tla thusa ba ba tlhotsang, ke phutha ba ba lelekilweng, ke ba dira ba ba tlotlwang, ke tumisa leina la bone mo lefatsheng lengwe le lengwe le ba neng ba nyatsega mo go lone.


ba itshupa gore go dira ka fa molaong go kwadilwe mo dipelong tsa bone, digakolodi tsa bone di ntse di supa jalo le dikakanyo tse di ba latofatsang gongwe di ba latofolole,


Gonne katlholo ga e nke e nna le kutlwelo-botlhoko mo go ene yo o neng a se na kutlwelo-botlhoko; mme kutlwelo-botlhoko e fenya tshekiso.


Fa mongwe a isa ba bangwe botshwarong, le ene o tlaa isiwa mo botshwarong; fa motho a bolaya ka tšhaka, o na le go bolawa ka tšhaka. “Foo go batlega boitshoko jwa baitshepi le tumelo ya bone.”


Gonne ba tsholotse madi a baitshepi le a baporofeti, jaanong o ba nositse madi; gonne go ba tshwanetse.”


Fela Atoni-Beseke a tshaba, mme ba mo latelela, ba mo tshwara, ba mo kgaola menwana ya kgonotšwe ya diatla le ya dinao.


e le go re tshiamololo e e diretsweng bomorwa Jerubaale ba le 70 le polao ya bone e tle e wele mo go Abimelege morwa-rraabo yo o ba bolaileng; e be e wele mo go beng ba Šegeme ba ba mo thusitseng go bolaya bomorwa-rraagwe.


Le gona Modimo wa busetsa bosula jotlhe jwa banna ba Šegeme mo ditlhogong tsa bone. Khutso ya ga Jothame morwa Jerubaale ya ba wela jalo.


Mme Samuele a re: “Mmaago o tla amogwa ngwana mo basading jaaka tšhaka ya gago e amogile basadi bana.” Jaanong Samuele a remaganya Agage fa pele ga Morena kwa Gilegala.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan