Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 1:4 - Setswana 1970

4 Ya re Bajuta ba bolola Morena a neela Bakanana le Baferesi mo diatleng tsa bone; ba bolaya banna ba le 10 000 ba bone kwa Beseke.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi Bayuda ba bolola; mi Yehova a tsenya Bakanana le Baperesa mo atleñ tsa bona: mi ba khemetha banona ba ten thousanda kua Beseka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Juta a bolola; mme Jehofa a tsenya Bakanana le Baperise mo seatleng sa bone; ba kgemetha banna ba le 10 000 mo go bone mo Beseke.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 1:4
17 Iomraidhean Croise  

Ya re a fitlha kwa kgosing, kgosi ya mmotsa ya re: “Miga, a ke re ye kwa Ramothe kwa Gileate go tlhabana kampo re lese?” A e araba a re: “Bolola, o tla nna tlhogonolo, mme Morena o tla o neela mo diatleng tsa kgosi.”


Ke fa kgosi ya Iseraele e kgobokanya baporofeti, e ka ne e le banna ba le 400, e ba botsa e re: “A ke ke ye go lwela Ramothe kwa Gileate, kampo ke lese?” Ba araba ba re: “Bolola, Morena o tla mo neela mo diatleng tsa kgosi.”


Modimo, re utlwile ka ditsebe, borraetsho ba re boleletse ba re, o dirile tiro mo metlheng ya bona, malatsing a bogologolo.


Mme wa leleka merafe fa pele ga bona, wa ba ruisa lefatshe la yona jaaka boswa jo ba bo lekanyeditsweng, wa agisa ditso tsa Iseraele mo matlong a bona.


mme Morena, Modimo wa gago, a di go neela gore o di fenye, foo o di bolae gotlhe di hutsitswe ke Modimo, mme o se ka wa dira kgolagano natso le e seng go di utlwela botlhoko.


Itse he kajeno gore ke Morena, Modimo wa gago, yo o tla tshelang, a go etelela pele e le molelo o o jang; ke ene yo o tla ba nyeletsang, a ba kokobetsa fa pele ga gago gore o tle o ba leleke, o ba nyeletse ka pele jaaka Morena a go solofeditse.


Ke fa Juta a raya mogolowe Simeone a re: “Bololela le nna kwa nageng ya me, re ye go tlhabana le Bakanana! Le nna ke tla ya nao kwa nageng ya gago.” Mme Simeone a ya nae.


Ba fitlhela kgosi Atoni-Beseke a le mo Beseke, ba tlhabana nae, ba fenya Bakanana bao le Baferesi bao.


Ifetha a fetela jalo kwa go Baamone go tlhabana nabo, mme Morena a ba neela mo diatleng tsa gagwe.


Jaanong e rile Baiseraele ba ntse ba agile mo gare ga Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi,


Jaanong a ba bala kwa Beseke: Baiseraele ba le 300 000, banna ba Juta ba le 30 000.


Mme fa ba ka re: ‘Tlhatlogelang kwano go rona!’ foo re tla tlhatloga; gonne Morena o tla bo a ba neetse mo diatleng tsa rona. Selo seo e tla nna sesupo mo go rona.”


Jaanong Jonathane a raya motlhanka yo o rweleng dibolai tsa gagwe a re: “Tlaya, re kgabaganyetse kwa batlhoding ba ba sa rupang bale. Ka gongwe Morena o tla re thusa; gonne ga go na se se ka thibelang Morena go pholosa ka bontsi gongwe ka bobotlana.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan