Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 1:19 - Setswana 1970

19 Mme Morena a bo a na le Bajuta, mo ba bileng ba thopa dithaba; gonne ba ne ba sa kgone go leleka baagi ba naga e e kwa tlase, ka bone ba na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Mi Yehova a bo a na le Bayuda; mi ba leleka banni ba lithaba; mi ba si ka ba hela ba leleka banni ba mogorogoro, gone ba na le licariota tsa tsipi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Jehofa a bo a na le Juta; mme a leleka banni ba lefatshe la makgabana; gonne o na a retelelwa ke go leleka banni ba molapo, ka gonne ba na le dikara tsa tlhabano tsa tshipi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 1:19
34 Iomraidhean Croise  

Mme Morena o ne a na le Josefa, a nna monna yo o tlhogonolo, a nna mo ntlong ya morena wa gagwe wa Moegepeto.


Mme Morena o ne a na le Josefa, a mo direla ka bopelotlhomogi, a dira gore a kgatlhe mookamedi wa ntlo ya kgolegelo.


Dafita a nna a golela pele; gonne Morena, Modimo wa masomosomo, o ne a na nae.


Mme Morena o ne a na nae; mo go tsotlhe tse o neng a ya go di dira a nna tlhogonolo; a tswa mo kgosing ya Asiria, a se ka a e direla.


“Khutlang lo itse, fa ke le Modimo; ke mogolo mo merafeng, ke mogolo mo lefatsheng.”


Merafe e ne e tsosa moferefere, magosi a reketla; wa dumisa maru a ona, mme lefatshe la roroma.


Tlayang lo lebe ditiro tsa Morena yo o dirang setlhogo mo lefatsheng;


A ga se wena, Modimo, o o re latlhileng? Ee, Modimo, ga o bolole le mephato ya rona.


Ka boa ka bona fa tlase ga letsatsi gore yo o siang ga se yo o lobelo; phenyo ga se ya mogale; le gona dijo ga se tsa batlhalefi; e bile khumo ga se ya ba ba nang le tlhaloganyo; le gona ga go ratwe ba ba nang le kitso. Gonne sebaka le tse di ba tlelang di ba dirafalela botlhe.


Se boife, gonne ke na nao! Se tlalelwe, gonne ke Modimo wa gago! Ke a go tiisa, ee, ke a go thusa, ee, ke go tshegeditse ka letsogo la me le le jang le le pholosang.


Ka ntlha ya moo Morena ka esi o tla lo naya sesupo: Bonang, lekgarebe le tla nna moimana, le belega ngwana wa mosimane, le mo taya leina la Imanuele .


Logang maano, mme a tla nyelediwa! Buang lefoko, mme ga le ka ke la tlhomama! Gonne Modimo o na le rona!


“Bonang, lekgarebe le tla ima, le belega mosimane; mme ba tla bitsa leina la gagwe Imanuele.” Ka phetolo ke go re: “Modimo o na le rona.”


Jaanong re tla reng ka ga dilo tseo? Fa Modimo o le ntlheng ya rona, ke mang yo o ka emelanang le rona?


Tsotlhe ke di kgona ka ene yo o nthatafatsang, e bong Keresete.


Ga go na ope yo o tla kgonang go emelana nao ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. Ke tla nna nao jaaka ke ne ke na le Moše. Ga nkitla ke go nyemisa moko le e seng go go tlogela.


Kana ke go laetse ka re: Tia o nne pelokgale! Ka moo se rerege, o se kgobege marapo. Gonne Morena, Modimo wa gago, o na nao gongwe le gongwe kwa o tla yang teng.”


Jaanong he, a ko o mphe dithaba tse Morena o buileng ka ga tsona ka letsatsi lele; gonne o utlwile ka wesi ka letsatsi lele gore go na le Baenake le metse e megolo e e femetsweng; ka gongwe Morena o tla nna le nna gore ke ba leleke jaaka Morena a solofeditse.”


Morena o ne a na le Jošua, mme a tuma mo lefatsheng lotlhe.


Baiseraele ba tla palelwa ke go ema fa pele ga baba ba bone. Ba tla tshaba baba ba bone, gonne ba hutsegile. Ga nkitla ke tlhola ke nna le lona, fa lo sa tlose tse di hutsitsweng mo go lona.


Morena a re: “A go bolole Juta! Bonang, ke neetse lefatshe mo diatleng tsa gagwe.”


Jaanong Sisera a kua dikoloi tsotlhe tsa ntwa tsa gagwe, e le dikoloi tsa tshipi di le 900 le banna botlhe ba batlhabani ba na nae, a ba bolotsa mo Harošethe wa baheitane, a ba isa kwa nokaneng ya Kisone.


Mme Baiseraele ba lelela Moreneng; gonne Jabine o ne a na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi di le 900, a gatelela Baiseraele ka thata dinyaga di le 20.


Ka moo Saule a boifa Dafita, ka Morena a na nae, mme a tlogetse Saule.


Dafita a nna a tlhogonolofala mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe ka Morena a na nae.


E ne ya re fa Dafita a bolola, a nne letlhogonolo gongwe le gongwe kwa Saule a mo romang teng mo Saule a bileng a mo laodisa batlhabani, mme ga itumedisa morafe otlhe le batlhanka ba ga Saule.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan