Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 1:16 - Setswana 1970

16 Mme bomorwa Hobabe wa Mokeni kgaitsadia mosadi wa ga Moše ba ne ba bolotse kwa Motseng wa Mekolane mmogo le Bajuta, ba ya kwa sekakeng sa Juta se se mo ntlheng ya borwa ya motse wa Arate. Ba ya ba nna mmogo le morafe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 ¶ Mi bana ba Mokena mogue oa Moshe, ba coa mo motseñ oa mekolane le bana ba Yude, ba ea gareganaga yoa Yuda, yo bo leñ ha eintleñ ea Souta ea Arada; mi ba ea ba nna mo bathuñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Bana ba Mokene, mogwagadia Moše, ba tswa mo motseng wa makolane, ba na le bana ba Juta, ba tlhatlogela kwa nageng ya Juta, bopota Arate ntlheng ya Borwa; ba ya ba aga le batho bao.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 1:16
26 Iomraidhean Croise  

le Oseme, e le wa borataro, le Dafita, e le wa bosupa.


Ditshika tsa bakwadi ba ba neng ba agile kwa Jabese ke Bathira le Basimea le Basuga; bone ke Bakeni ba ba duleng mo go Hamathe rra-lelapa la ga Regabe.


Ka sebaka seo kgosi Ahase a roma batho kwa dikgosing tsa Asiria gore di tle go mo thusa.


Jetoro moperesiti wa kwa Midiane, mogwagwadia Moše, o ne a utlwetse dilo tsotlhe tse Modimo o di diretseng Moše le Baiseraele morafe wa ona le gore Morena o ntshitse Baiseraele mo Egepeto .


Morago ga moo Jetoro, mogwagwadia Moše, a ntshetsa Modimo setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tsa tebogo; ga tla Arone le bagolo botlhe ba Baiseraele go ja dijo le mogwagwadia Moše fa pele ga Modimo.


Jaanong Moše a naya mogwagwadiagwe tsela, mme a boela kwa lefatsheng la ga gabo.


Ke fa Moše a tswa go kgatlhantsha mogwagwadiagwe, a inama fa pele ga gagwe, a mo atla; mme ya re ba sena go botsana bophelo, ba tsena mo tenteng.


Moše o ne a ntse a disa letsomane la ga Jetoro mogwagwadiagwe, moperesiti wa Midiane. O kile a disa letsomane, a fetile sekaka, a fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe.


Moše a tsamaya, a boela kwa go Jetoro mogwagwadiagwe, a mo raya a re: “A ko o ntetlelele gore ke boele kwa go ba ga etsho ba ba nnang kwa Egepeto, ke ye go bona gore a ba sa ntse ba phela.” Jetoro a raya Moše a re: “Yaa ka kagiso!”


“Yaa kwa losikeng lwa Baregabe, o bue nabo, o ba ise kwa Ntlong ya Morena mo go nngwe ya matlwana, o ba nee weine, ba nwe.”


E rile kgosi ya Arate ya Mokanana yo o neng a agile mo nageng ya borwa a utlwa go twe, Baiseraele ba tla ka tsela ya Atharime, a ya go tlhabana nabo, a tshwara bangwe ba bone, a ba golega.


Mo malatsing ao ga tla Johane Mokolobetsi, a rera mo sekakeng sa Jutea a re:


le naga ya borwa le molapo wa Joretane le lebala la Jerigo, motse wa mekolane, go ya kwa Soare.


Morena a ba a mo raya a re: “Ke lone lefatshe le ke le ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe ka re: ‘Ke tla le naya losika lwa gago.’ Ke le go bontshitse gore o le bone ka matlho fela, mme ga o kitla o tshelela gona.”


le kgosi ya Horema le kgosi ya Arate


Mme metse ya lotso lwa Babenyamene ka fa ditshikeng tsa bone e ne e le Jerigo le Bethogola le Emeke-Kesise


Agesa a mo raya a re: “Mphe lesego la go ntsamaisa sentle; e re ka o mpeile kwa nageng e e sekaka ya borwa, ke kopa gore o mphe le metswedi ya metsi.” Ke fa Kalebe a mo naya metswedi e e kwa godimo le e e kwa tlase.


A ba a iphuthela Baamone le Baamaleke, a ya go itaya Baiseraele, a thopa Motse wa Mekolane.


Jaanong Hebere wa Mokeni o ne a kgaoganye le Bakeni ba e leng bomorwa Hobabe, kgaitsadia mosadi wa ga Moše, a nna a tlhoma tente ya gagwe go ya go fitlha kwa setlhareng sa eike mo Saananime gaufi le Keteše.


Sisera ene a tshaba ka dinao, a fitlha kwa tenteng ya ga Jaele mosadi wa ga Hebere wa Mokeni. Gonne go ne go le kagiso fa gare ga Jabine kgosi ya Hasore le ba lapa la ga Hebere wa Mokeni.


Le gona Saule a raya Bakeni a re: “Nanogang, lo tloge, lo tswe mo gare ga Baamaleke e se re gongwe ka lo nyeletsa nabo; ka gonne lona lo diretse Baiseraele botlhe ka bopelotlhomogi jale fa ba tswa kwa Egepeto.” Ke fa Bakeni ba tloga, ba tswa mo gare ga Baamaleke.


Jaanong fa Agiše a botsa a re: “Lo tswa go tlhasela kae gompieno?” Dafita a arabe a re: “Kwa nageng ya borwa ya Juta le kwa nageng ya borwa ya Bajeramele le kwa nageng ya borwa ya Bakeni.”


le ba Ragale le ba metse ya Bajeramele le ba metse ya Bakeni


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan