Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 1:10 - Setswana 1970

10 Bajuta ba be ba bololela Bakanana ba ba neng ba agile kwa Heberone – leina la Heberone pele e ne e le Khiriathe-Areba – ba fenya Sesai le Ahimane le Thalemai.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Mi Bayuda ba bololela Bakanana, ba ba nntseñ mo Heberona: (mi leina ya Heberona e le le Kireyata‐areba pele:) mi ba khemetha Sheshaie, le Ahimane le Talemaie.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Mme Juta a bololela Bakanana ba ba agileng mo Heberone; (gale leina la Heberone e ne e le Kiriathe-areba); ba kgemetha Shešai le Ahimane le Talemai.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 1:10
12 Iomraidhean Croise  

mme a swela kwa Khiriathe-Areba, ke go re kwa Heberone mo lefatsheng la Kanana. Ke fa Aborahame a tsena go hutsafalela Sara le go mo lelela.


Jakobe a mo raya a re: “A ko o ye o bone gore bomogoloo ba phela jang, le diruiwa di phela jang; o tle o boe o mpolelele.” A mo roma jalo. Mme Josefa a tloga fa mokgatsheng wa Heberone, a ya a fitlha kwa Šegeme.


Ka boa ka bona fa tlase ga letsatsi gore yo o siang ga se yo o lobelo; phenyo ga se ya mogale; le gona dijo ga se tsa batlhalefi; e bile khumo ga se ya ba ba nang le tlhaloganyo; le gona ga go ratwe ba ba nang le kitso. Gonne sebaka le tse di ba tlelang di ba dirafalela botlhe.


Morena o buile jaana a re: “A Motlhalefi a se ka a ipelafatsa ka botlhale jwa gagwe! A seganka se se ka sa ipoka ka thata ya sona! A mohumi a se ka a ikgodisa ka khumo ya gagwe!


Ba ya kwa nageng ya borwa, ba fitlha kwa Heberone, teng go le Ahimane le Sesai le Thalemai, boora Enake. Motse wa Heberone e ne e le dinyaga di supa o ntse o agilwe pele ga motse wa Soane kwa Egepeto.


Le gona re bonye mekaloba teng, e bong Baenake, boora mekaloba. Ra iphitlhela re tshwana le tsie fela; le bone ba ne ba re lebile jalo.”


Jaanong Jošua a bolola gape, a tswa mo Egelone, a na le Baiseraele botlhe, a ya kwa motseng wa Heberone, mme ba o tlhasela,


Mme leina la Heberone e ne e le motse wa ga Areba pele ga foo; ene e ne e le motho yo mogolo mo go Baenake. Jaanong lefatshe la ikhutsa, le se na ntwa.


Kalebe a abelwa Heberone jaaka Moše a laetse, mme a leleka bomorwa ba bararo ba ga Enake teng.


Morago ga moo Bajuta ba ya go tlhabana le Bakanana ba ba neng ba agile kwa dithabeng le kwa borwa le mo nageng e e kwa tlase.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan