Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Basiamisi 1:1 - Setswana 1970

1 E rile morago ga loso lwa ga Jošua Baiseraele ba botsa Morena ba re: “Ke mang mo go rona yo o tshwanetseng go bololela Bakanana pele go tlhabana nabo?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ga rihala morago ga loshu loa ga Yehoshue, bana ba Yeserele ba botsa Yehova, ba re, Emañ eo o tla re bololelañ Bakanana pele, go tlabana le bona?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ga dirala e rile morago ga loso lwa ga Jošua, bana ba Iseraele ba botsa Jehofa ba re: “E mang yo o tlaa re etelelang pele go ya go tlhabana le Bakanana?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Basiamisi 1:1
17 Iomraidhean Croise  

Josafate a ba a raya kgosi ya Iseraele a re: “A ko o botse lefoko la Morena pele.”


Moše a araba mogwagwadiagwe a re: “Ke ka go re batho ba tla kwa go nna go botsa Modimo.


Gape dira ditengwa tse di bidiwang Lesedi le Tshiamo, o di tsenye mo kgwatlhaneng ya katlholo gore di nne fa pelong ya ga Arone, fa a tsena go ema fa pele ga Morena. Arone o tla rwala katlholo ya Baiseraele jalo fa pelong ya gagwe fa pele ga Morena ka gale.


A a eme fa pele ga Eleasare moperesiti gore ene a mo kopele katlholo ya Morena ka tengwa ya Lesedi. A ba bolole ka fa taelong ya gagwe, ba be ba goroge ka fa taelong ya gagwe, ene le phuthego yotlhe ya Baiseraele.”


Mme Bamanase ba se ka ba leleka baagi ba Betšheane le ba metsana ya teng le ba Thaenage le ba metsana ya teng le ba Dore le ba metsana ya teng le ba Ibeleame le ba metsana ya teng le ba Megito le ba metsana ya teng. Bakanana ba kgona jalo go nna mo lefatsheng le.


le nna ga nkitla ke tlhola ke leleka ope fa pele ga bone wa ditšhaba tse Jošua o neng a di tlogela, jale fa a swa


Jaanong e rile Jošua morwa Nune motlhanka wa Morena a sena go swa, a le dinyaga di le 110,


ba mo fitlha mo nageng ya boswa jwa gagwe kwa Thimenatherese kwa dithabeng tsa ga Eferaime mo ntlheng ya bokone ya thaba ya Gaaše.


Jaanong Baiseraele ba tloga ba tlhatlogela kwa Bethele, ba botsa Modimo ba re: “Ke bomang mo go rona ba ba tshwanetseng go etelela pele le go simolola ntwa le Babenyamene?” Morena a re: “A go simolole Bajuta.”


Mme pele ga foo Baiseraele ba ne ba tlhatlogetse kwa Bethele, ba lela fa pele ga Morena go ya mantsiboeng. Ba botsa Morena ba re: “A re tshwanetse go atamela gape go tlhabana le Babenyamene, bomorwa-rraarona?” Morena a re: “Ba bololeng!”


Baiseraele ba botsa Morena. (Kana Letlole la Kgolagano ya Modimo le ne le le teng ka malatsi ao.


Phinehase morwa Eleasare morwa Arone o ne a tshwere tirelo fa go lone ka sebaka seo.) Ba re: “A re tshwanetse go bolola gape go tlhabana le Babenyamene bomorwa-rraarona kampo re lese?” Morena a re: “Bololang, gonne kamoso ke tla ba neela mo diatleng tsa lona.”


Ke fa ba botsa Morena gape ba re: “A monna yoo o setse a tlile kwano?” Morena a re: “O teng, o iphitlhile kwa dithotong tsa leeto.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan