Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bahebera 1:3 - Setswana 1970

3 Ke ene marang a kgalalelo ya ona le setshwano sa bodimo jwa ona, o tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la thata ya gagwe; ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna ka fa letsogong le le jang la Borena kwa magodimong,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Morwa Modimo o galalela ka kgalalelo ya Modimo, mme gotlhe mo Morwa Modimo a leng gone ebile a go dira, go mo supa fa e le Modimo tota. O tshegeditse lobopo ka nonofo ya gagwe e kgolo ya taolo. Ke ene yo o suleng go re ntlafatsa le go phimola dibe tsa rona tsotlhe tse di neng di kwadilwe, mme morago ga moo a nna fa fatshe ka tlotlo e kgolo fa lotlhakoreng lwa Modimo o mogolo wa legodimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Eo, ereñ ka e le marañ a khalalelo ea ona, le cuano ea amarure ea boikemo yoa ona, mi a laola lilo cotle ka huku ye le thata ea gague, o rile a sina itsephisa libe tsa rona ka ena ka esi, a lula mo atleñ se se siameñ sa Mogalaleri mo bogorimoñ bogolu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 yo e reng ka e le ene marang a kgalalelo ya one, le setshwano ka sebele sa Bomodimo jwa one, a bile a tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la nonofo ya gagwe; ka re, e rile a sena go dira bontlafatso jwa dibe, a dula ka fa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bahebera 1:3
42 Iomraidhean Croise  

Morena, bogolo ke jwa gago le thata le kgalalelo le tumiso le borena; kana tsotlhe tse di kwa legodimong le mo lefatsheng ke tsa gago; bogosi ke jwa gago, Morena; ke wena o itsholeditseng godimo ga tsotlhe, o le tlhogo.


Gouta e e phatsimang e tswa kwa bokone, mme kgalalelo e e boitshegang Modimo o mo go yona.


Pesalome ya ga Dafita. Morena o ne a raya Morena wa me a re: “Dula fa letsogong la me le le jang go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.”


“Fa nako ya me e tsile, ke atlhola ka tshiamo.


Ka gonne lefoko la kgosi le na le thata. Ke mang yo o ka e rayang a re: “O dirang?”


“ ‘Jaanong a moperesiti a a baakanye, le lengwe e nne la setlhabelo sa boleo, le lengwe e nne la setlhabelo sa phiso; moperesiti a mo ruanye jalo fa pele ga Morena ka ntlha ya tshologo ya gagwe.


Mme ene yo, o tla nna kagiso ya rona. Fa Asiria a re, o tla mo lefatsheng la rona, o tsena mo matlong a borena a rona, re tla baya badisa ba supa le dikgosana tse di le robedi tsa batho go lwa nabo.


“Moruti, Moše o rile, fa mongwe a swa, a se na bana, a morwa-rraagwe a nyale mosadi wa gagwe, a tsosetse morwa-rraagwe losika.


Jaanong e rile Morena Jesu a sena go bua nabo, a tsholelediwa kwa legodimong, a nna ka fa ntlheng ya le le jang la Modimo.


Lefoko leo la nna nama, la aga mo go rona, ra ba ra bona kgalalelo ya lone, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.


E rile ka letsatsi le le latelang a bona Jesu a tla go ene a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!


Bophelo bo ne bo le mo go lone; mme bophelo e ne e le lesedi la batho.


Jaanong o godisitswe ka letsogo le le jang la Modimo, a amogela Mowa o o Boitshepo mo go Rara o a o solofeditseng, a tshêla se jaanong lo se bonang, lo se utlwang.


A ba a re: “Lebang, ke bona magodimo a bulegile, le Morwa-Motho a eme ka fa ntlheng ya le le jang ya Modimo.”


Gonne ga ke tlhajwe ke ditlhong ka Efangele ya ga Keresete, ka e le thata ya Modimo e e pholosang mongwe le mongwe yo o dumelang, Bajuta pele, le bone Bagerika;


Ke mang yo o ka ba atlholelang molato? Keresete Jesu o ne a sule, ee, bogolo ke yo e bileng a tsositswe, yo o ka fa letsogong le le jang la Modimo, yo e bileng a re emela.


e bong bone ba ba sa dumeleng, ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng maikutlo a bone, gore lesedi la Efangele ya kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba bonegela.


Fa jaanong lo tsositswe le Keresete, batlang he tse di kwa godimo, kwa Keresete a leng teng, a ntse ka fa letsogong le le jang la Modimo.


yo o re ineeletseng losong gore a re golole mo tshiamololong yotlhe, a be a itshekise batho gore e nne ba gagwe ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.


Mme ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re: “Dula ka fa letsogong la me le le jang, ke tle ke tsamae ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago”?


Mme ene Jesu, e rile a sena go isetsa maleo setlhabelo se le sengwe, a ya go nnela ruri ka fa letsogong le le jang la Modimo,


re lebile Jesu, mosimolodi le mofetsi wa tumelo, yo o neng a itshokela sefapaano boemong jwa boitumelo jo bo mo lebanyeng, a nyatsa ditlhong, a ba a nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Modimo.


E re ka jaanong re na le moperesiti yo mogolo bogolo yo o raletseng magodimo, e bong Jesu, Morwa Modimo, a re ngangatleleng boipolelo jwa tumelo ya rona.


go ne go sa batlege mo go ene gore a ise ditlhabelo ka letsatsi lengwe le lengwe ka ntlha ya dibe tsa gagwe pele, mme morago ka ntlha ya dibe tsa batho jaaka baperesiti ba bagolo bale; ka gobane seo o se diretse ruri gangwe fela, jale fa a itira setlhabelo.


Mme se segolo sa tse di buiwang fano ke se: Re na le moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo, yo o neng a ya go nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Borena kwa magodimong;


Gonne kwa lokwalo lwa boswa lo leng teng, loso lwa yo o lo kwadileng lo tshwanetse lwa supiwa.


Gonne foo o ka bo a ne a na le go boga gantsi go tswa tlholegong ya lefatshe. Mme jaanong o bonetse gangwe fela mo bokhutlong jwa metlha gore a tlose boleo ka go itira setlhabelo.


ba lo dumetseng ka ene mo Modimong o o mo tsositseng mo baswing, wa mo naya kgalalelo, gore tumelo ya lona le tsholofelo di nne mo Modimong.


yo o tsenyeng mo legodimong, a nna fa letsogong le le jang la Modimo, baengele le mebuso le ba ba thata ba sena go bewa mo taolong ya gagwe.


Gonne e rile re lo itsise thata ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla gape ga gagwe, ra bo re sa latele dinaane tse di rulagantsweng ka botlhale, mme re ne re le basupi ba ba bonyeng borena jwa gagwe.


Gonne o amogetse tlotlo le kgalalelo mo go Modimo Rara, jale fa lentswe le le ntseng jaana le tswa kgalalelong ya borena, le tla go ene le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo o nkgatlhang.”


Mme fa re tsamaya mo leseding jaaka ona o le mo leseding, re na le kopano mongwe le yo mongwe, e bile madi a ga Jesu Keresete, Morwaa-ona, a re itshekisa boleo jotlhe.


Mme lo itse gore ene o bonetse gore a tlose boleo, mme mo go ene ga go na boleo.


e bong Modimo o osi, Mopholosi wa rona ka Jesu Keresete, Morena wa rona, a kgalalelo e nne ya one le borena le thata le puso ka metlha e e fetileng le jaanong le ka bosakhutleng! Amen.


Yo o fenyang ke tla mo naya gore a nne le nna mo sedulong sa ka sa bogosi, jaaka le nna ke fentse, ke ntse le Rre mo sedulong sa gagwe sa bogosi.


“Morena, Modimo wa rona, o tshwanetse go amogela kgalalelo le tlotlo le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, tsa nna teng, di bopilwe ka fa thatong ya gago.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan