Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:8 - Setswana 1970

8 Ba ga etsho, ke fetsa ka go re: Tsotlhe tsa boammaaruri le tsotlhe tsa tlotlego le tsotlhe tsa tshiamo le tsotlhe tsa boitsheko le tsotlhe tsa lorato le tsotlhe tse di tumo e ntle le tse di ka nnang teng tsa maatlametlo gongwe tsa poko, di akanyeng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Mme jaanong, bakaulengwe, a e re ke tswala lokwalo lo, ke boelele gape selo se: tiisang megopolo ya lona mo boammaaruring le mo molemong le mo tshiamong. Akanyang kaga dilo tse di itshekileng le tse di ntle mme lo nne mo dilong tse di siameng, tse di molemo mo go ba bangwe. Akanyang kaga tsotlhe tse lo ka galaletsang Modimo ka tsone lo bo lo itumele kaga tsone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Ya bohelo, bakauleñue, cotle tsa boamarure, le cotle tse ri tlotlegañ, le cotle tse ri siameñ, le cotle tsa boitsepho, le cotle tse liñtle, le cotle tse ri nañ le mahuku a molemo; ha go le bonatla boñue, mi ha go le pako ñue, gopolañ lilo tse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Sa bofelo, bagaetsho, dilo tsotlhe tsa boammaaruri, dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go tlotlwa, dilo tsotlhe tse di itshekileng, dilo tsotlhe tse di rategang, dilo tsotlhe tse di bolelwang ka molemo; fa go na le molemo mongwe, fa go na le pako, lo gopole dilo tse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:8
67 Iomraidhean Croise  

gonne ke mo tlhophile gore a laele bana ba gagwe le ba lapa la gagwe morago ga gagwe gore ba sepele mo tseleng ya Morena, ba dire ka tshiamo le ka tshwanelo gore Morena a tle a tlisetse Aborahame tse a di mo solofeditseng.”


Saule le Jonathane, baratwi le bakgatlhi! Mo bophelong jwa bone le mo losong lwa bone ga ba a ka ba kgaogana. Ba ne ba le lobelo bogolo go bontswi, ba le thata bogolo go ditau.


Go buile Modimo wa Iseraele, go ntheile Lefika la Iseraele a re: Yo o busang batho ka tshiamo, yo o busang ka poifo-Modimo


Lo tla atlhola ka tshiamololo goleele go le kae, lo ntse lo gobelelela baikepi? Sela.


Selekanyetso sa go tsietsa ke maila mo Moreneng; mme seelo se se lekanyeng se a mo kgatlha.


Mosadi yo o maatlametlo ke serwalo sa monna wa gagwe; mme yo o tlhabisang ditlhong o tshwana le go tlhotlhona ga marapo a gagwe.


Seelo le selekanyetso tse di siameng ke tsa Morena; majwe otlhe a kgetsana a a supang bokete ke tiro ya gagwe.


Mosiami yo o sepelang mo poifong-Modimo bana ba gagwe ba tla nna tlhogonolo sehularong sa gagwe.


Mosadi yo o maatlametlo o bonwa ke mang? Kana ene ke lehumo le le gaisang ditalama tsa tlhwatlhwa e kgolo.


“Basadi ba bantsi ba dirile ka maatlametlo, mme wena o ba phala botlhe!”


A a je leungo la diatla tsa gagwe. A a bakwe mo makgotleng ka ditiro tsa gagwe.


Mafoko a gagwe a monatenate. Ruri, o montlentle gotlhe. Morati wa me ke yo o ntseng jalo; ke ene tsala ya me, lona bomorwadia Jerusalema.


Tsela ya mosiami e mo lebaleng; ò tla baakanyetsa mosiami tselana e e tlhamaletseng.


Ba roma barutwa ba bone kwa go ene, ba na le ba ga Herote, ba re: “Moruti, re itse gore o boammaaruri, o bile o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri, o sa re ope sepe; gonne ga o gobelelele motho.


gonne Herote o ne a boifa Johane, ka a itse gore ke monna yo o siameng, yo o boitshepo; a ba a mo sireletsa. E ne ya re fa a mo utlwa, a akabale thata, mme a rate go mo utlwa.


Mme Jesu a ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisang fa pele ga batho, mme Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlomaditsweng ke batho, ke makgapha fa pele ga Modimo.


Go ne go le motho mo Jerusalema yo leina la gagwe e leng Simeone; motho yoo a bo a siame, e le mmoifa-Modimo, a lebeletse kgomotso ya Iseraele, mme Mowa o o Boitshepo o le mo go ene.


Jaanong go ne go le monna mongwe, leina la gagwe e le Josefa yo e leng monna wa lekgotla, e le monna yo o molemo, yo o siameng


Yo o buang se se tswang mo go ene fela o ipatlela tlotlo; mme yo o batlang tlotlo ya yo o mo romileng, yoo ke ene wa nnete, ga go na tshiamololo epe mo go ene.


Ba re: “Koronelio, molaodi-wa-lekgolo, monna yo o siameng yo o boifang Modimo, yo o bolelwang ka molemo ke setšhaba sotlhe sa Bajuta, o laetswe ke moengele yo o boitshepo gore a go biletse kwa ntlong ya gagwe, a utlwe mafoko mo go wena.”


“Mme Anania mongwe, monna yo o boifang Modimo ka fa molaong, yo o neng a na le tumo e e molemo mo Bajuteng botlhe ba ba agileng teng,


Ka moo, bakaulengwe, itlhopheleng banna ba supa mo go lona, ba ba supelwang gore ba siame, ba ba tletseng Mowa le botlhale, ba re ka ba laodisang tiro e e batlegang eo.


A re tsamaeng re itshotse sentle jaaka mo motshegareng, e seng mo medirong ya tlhapelo le ya botagwa, e seng mo marobalelong a boaka le mekgweng e e maswe, e seng mo kgannye le mo lefufeng;


Gonne babusi ga se ba ba boifiwang ka ntlha ya tiro e e molemo, mme e le ka ntlha ya e e bosula. Jaanong fa o sa rate go boifisiwa ke mmuso, dira molemo, mme o tla bona tlotlo mo go ona.


Gonne ene yo o direlang Keresete ka tseo ke yo o kgatlhang Modimo, e bile o ikanngwa ke batho.


Mme Mojuta wa nnete ke yo e leng Mojuta ka mo teng; le thupiso ya nnete ke e e leng ya pelo ka fa moweng, e seng ka fa molaong; poko ya yo o ntseng jalo ga e tswe mo bathong, mme e tswa mo Modimong.


Ka moo he, lo se ka lwa atlhola sepe, e ise e nne nako, go ya Morena a tle yo o tla ntshetsang leseding tse di fitlhilweng tsa lefifi, a senola maikaelelo a dipelo; foo mongwe le mongwe o tla bona poko mo Modimong.


Mme ke rapela Modimo gore lo se dire bosula bope, e se gore rona re bonale re le ba ba tlhomameng, mme e le gore lona lo dire tse di molemo, mme rona re nne jaaka e kete re ba ba sa tlhomamang.


ka go tlotlwa le ka go tlotlololwa, ka go bolelwa ka bosula le ka molemo; jaaka batimetsi, etswe re le ba nnete;


E bile re romile mokaulengwe nae, yo pako ya gagwe e tumileng mo diphuthegong tsotlhe ka go rera Efangele.


gonne re tlhokomela tse di sa belaetseng, e seng fa pele ga Modimo fela, mme le fa pele ga batho.


Mme leungo la Mowa lone ke lorato le boitumelo le kagiso le bopelotelele le bopelontle le molemo le boikanyego


Ka moo apolang maaka, mme a mongwe le mongwe a bue boammaaruri le mongwe-ka-ene; ka gonne re direlana re le ditokololo.


gonne leungo la lesedi ke molemo otlhe le tshiamo le boammaaruri –


Emang he, lo itlamile matheka ka boammaaruri, lo apere sefemela-sehuba sa tshiamo,


O nne o latele tshiamo fela gore o tle o phele, o rue lefatshe le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang.


Gape, ba ga etsho, itumeleng mo Moreneng. Go lo kwalela dilo di le dingwe fela, nna ga go ntapise, mme lona go a lo tiisa.


Tsamayang ka botlhale fa pele ga bone ba ba kwa ntle, lo sole sebaka molemo.


gore lo tsamae ka tlotlego mo go bone ba ba kwa ntle, mme lo se tlhoke sepe sa bone.


le dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo, gore re nne le bophelo jwa boiketlo le tidimalo ka poifo-Modimo yotlhe le ka tlotlego.


Le bone basadi a e nne ba ba tlotlegang, e se balatofatsi; a ba nne tekano le boikanyo mo dilong tsotlhe.


e le yo o laolang lelapa la gagwe sentle, a na le bana ba ba utlwang ka tlotlego yotlhe.


A go se nne ope yo o nyatsang bokau jwa gago, mme o nne sekao mo go ba ba dumelang ka puo le motsamao le lorato le mowa le tumelo le ka boitsheko.


a na le tshupo ya ditiro tse di molemo tsa gore o godisitse bana, a tshola baeng, a tlhapisa baitshepi dinao, a thusa ba ba pitlagantsweng, a tlhokomela tiro nngwe le nngwe e e molemo.


le basadi-bagolo jaaka e kete ke bommaago, le ba bašwa jaaka e kete ke bokgaitsadio, ka boitsheko jotlhe.


mme e le yo o tsholang baeng, yo o ratang se se molemo, yo o itsholang sentle, yo o thokgameng, yo o boitshepo, yo o tekano,


yo o re ineeletseng losong gore a re golole mo tshiamololong yotlhe, a be a itshekise batho gore e nne ba gagwe ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.


A banna-bagolo ba nne tekano le tlotlego le boiketlo, ba itekanele mo tumelong le mo loratong le mo boitshokong.


o ntse o itshupa ka dilo tsotlhe gore o sekao mo ditirong tse di molemo; mo go ruteng o itshupe ka maikutlo a a sa senyegang le ka tlotlego,


A ba ga rona le bone ba ithute go nna tlhaga mo ditirong tse di molemo go thusa ka tse di batlegang gore ba se nne ba ba sa ungweng sepe.


Gonne ba bogologolo ba bonye tshupo ka ntlha ya yona.


Lo re rapeleleng; gonne re ikaya gore re na le segakolodi se se molemo, ka re rata go tsamaya sentle mo go tsotlhe.


Tirelo-Modimo e e itshekileng e e se nang sebala fa pele ga Modimo Rara ke ya go lekola dikhutsana le batlholagadi mo matshwenyegong a bone, le go ipoloka ka bophepa mo lefatsheng.


Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo, ga ntlha ke jo bo boitsheko, bo bile bo kagiso, bo bonolo, bo a rapelesega, bo tletse kutlwelo-botlhoko le maungo a a molemo, bo se na kgobelelo le boitimokanyo.


E re ka lo itshekisitse mewa ya lona ka go utlwa boammaaruri ka Mowa mo go isang go rataneng ga bakaulengwe mo go se nang boitimokanyo, ratanang ka dipelo tse di fisegang,


mme lo nne le tsamao e e siameng mo go baheitane gore se ba lo sebang ka sona ba re, lo badiradibe, ba galaletse Modimo ka letsatsi la tekolo ka ntlha ya sona, fa ba se bona sentle ka ditiro tse di molemo tsa lona.


Bogolo go dilo tsotlhe ratanang thata; gonne lorato lo bipa dibe tsotlhe.


Baratwi, lokwalo loo e setse e le lwa bobedi lo ke lo lo kwalelang, ke ntse ke tsosa maikutlo a a phepa a lona ka kgakololo


Banaka, a re se rateng ka lefoko, le fa e le ka loleme, mme a e nne ka tiro le ka boammaaruri.


Mongwe le mongwe yo o nang le tsholofelo eo mo go ene o a iitshekisa jaaka ene a itshekile.


Baratwi, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe, mme lo leke mewa gore a e tswa mo Modimong; gonne baporofeti ba bantsi ba maaka ba bololetse mo lefatsheng.


Mme jaanong, morwadiaka, se boife. Tsotlhe tse o di buileng ke tla di go direla. Kana go itse mongwe le mongwe mo lekgotleng la morafe wa ga etsho, fa o le mosadi yo o maatlametlo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan