Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:6 - Setswana 1970

6 Se tshwenyegeleng sepe, mme a ka metlha tse lo di tlhokang di itsisiwe Modimo ka thapelo le kopo, di na le tebogo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Lo se ka lwa tshwenyega kaga sepe; mo boemong jwa moo, rapelang kaga sengwe le sengwe. Bolelelang Modimo se lo se tlhokang mme lo se lebale go O lebogela dikarabo tsa one.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Lo si ñoñoregele sepe; mi a likeleco tsa lona mo liloñ cotle li ne ka thapelo le thapelo ea bocoelelo pele, li itsisioe Morimoñ ka boitumelelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:6
45 Iomraidhean Croise  

Morena, Modimo wa me, ngoka thapelo ya motlhanka wa gago le mokokotlelo wa gagwe gore o utlwe go goelela le go rapela mo motlhanka wa gago a go rapelang fa pele ga gago kajeno


Mme e rile kgosi Hesekia le moporofeti Jesaya, morwa Amotse, ba rapela ka ntlha ya tseo ba goela legodimong.


Batlodi ke tla ba ruta ditsela tsa gago gore baleofi ba sokologele kwa go wena.


Mme nna ke bitsa Modimo, mme Morena o tla nthusa.


Mafoko a molomo wa gagwe a borethe jaaka sereledi, pelo ya gagwe ke ntwa; dipolelo tsa gagwe di boleta go gaisa lookwane; etswe e le ditšhaka tse di somotsweng.


Pholoso ya me e mo Modimong le tlotlo ya me; lefika le le thata la me le mo Modimong, le botshabelo jwa me.


Ditlhabelo tsa baikepi ke maila Moreneng, mme thapelo ya batlhamaladi e a mo kgatlha.


Neela Morena ditiro tsa gago, foo maikaelelo a gago a tla dirafala.


Wena leebana la me, o mo dipharong tsa mafika le mo maiphitlhong a mapalamo a dithaba. Nte ke bone bontle jwa gago, nte ke utlwe lentswe la gago. Gonne lentswe la gago le monate, le bontle jwa gago bo a ratega.


Jaanong ya re ke sena go neela Baruge, morwa Neria, lokwalo lwa theko, ka rapela Morena ka re:


‘Mpitse, ke tla go araba, ke go itsise dilo tse dikgolo tse di sa tlhotlhomisiweng, tse o sa di itseng.’


Šaterage le Mešage le Abetenego ba fetola kgosi Nebukatenesare ba re: “Ga go batlege gore re go arabe ka ntlha ya mafoko a.


E rile Daniele a sena go utlwa gore molao oo o kwadilwe, a tsena mo ntlong ya gagwe; o ne a na le difenstere tse di bulegileng mo ntlwaneng ya gagwe e e kwa godimo tse di lebileng kwa Jerusalema; a khubama teng gararo ka mangole ka letsatsi leo, a rapela, a leboga Modimo wa gagwe, jaaka a ne a ntse a dira pele ga foo.


E re fa ba lo isa mo tshekong, lo se ka lwa tshwenyega lwa re: ‘Re tla bua jang’ gongwe ‘re tla bua eng’; gonne ka nako eo lo tla newa se lo tla se buang;


Wa peo e e jwetsweng mo mitlweng ke ene yo o utlwang Lefoko; mme tshwenyego ya metlha eno le tsietso ya khumo di hupetse Lefoko, le be le tlhoke leungo.


Ka moo he, se tshwenyegeleng letsatsi la ka moso; gonne letsatsi la ka moso le tla itshwenyegela ka losi. Letsatsi le lekanywe ke tshwenyego ya lone.


Ka moo he, se tshwaneng le bone; gonne Rraalona o itse tse lo di tlhokang, lo ise lo di mo kope.


Mme Morena a mo araba a re: “Maretha, Maretha, o itshwenya ka tse dintsi, o bile o itlhokisa boiketlo.


Jaanong a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke ka moo ke lo rayang ke re: Se tshwenyegeleng bophelo gore lo tla ja eng, le fa e le mmele gore lo tla apara eng.


“Se batleng se lo tla se jang le se lo tla se nwang, le gona lo se ka lwa di tlhofaelela.


A ba a bua nabo ka setshwantsho sa gore motho o tshwanetse go rapela ka metlha, a sa lape,


A Modimo ona ga o nke o atlholela baitlhaolelwi ba ona ba ba o tlhaeletsang bosigo le motshegare, gongwe a o ka ba diegela?


Fa o biditswe o le motlhanka, se ngongorege; mme fa o ka gologa, o go dirise bogolo.


Mme ke rata gore lo nne lo se na tshwenyego. Yo o sa nyalang o tlhokomela tsa Morena ka fa a ka kgatlhang Morena ka teng.


ka le lona lo ntse lo thusa ka go re rapelela, gore neo ya bopelotlhomogi e re e bonyeng e lebogelwe ke batho ba bantsi ka malebogo a mantsi ka ntlha ya rona.


lo leboge Modimo Rraetsho ka gale ka ntlha ya tsotlhe mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete,


lo ntse lo rapela ka gale ka Mowa ka merapelo yotlhe le ka mekokotlelo, mme lo nne lo thantse ka ntlha ya moo ka tlhomamo yotlhe, lo rapelele baitshepi botlhe;


A kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa lona e lo e bileditsweng mo mmeleng o le mongwe fela, mme lo nne ba ba lebogang.


Mme le fa e le eng se lo se dirang ka puo gongwe ka tiro, dirang tsotlhe mo leineng la Morena Jesu, lo ntse lo leboga Modimo Rara ka ene.


Tswelelang mo thapelong, lo nne lo thantse mo go yona ka tebogo.


Jaanong ke kaela pele ga tsotlhe gore dikopo le dithapelo le dithapelelo le ditebogo di direlwe batho botlhe,


Mme ene yo e leng motlholagadi tota, a tlogetswe a le esi, o solofetse mo Modimong, o tswelela pele ka mekokotlelo le ka merapelo bosigo le motshegare;


Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jaanong nnang tekano, lo iphe nako go rapela.


Latlhelang matshwenyego otlhe a lona mo go one, gonne lo tlamelwa ke one.


Mme Hana a fetola a re: “Nnyaya, morena wa me, ke mosadi yo o pelo e botlhoko. Weine le bojalwa ga ke a di nwa, mme ke tsholotse tsa pelo ya me fa pele ga Morena.


Dafita ene o ne a tlaletswe thata, gonne banna ba ne ba re ba mo kgobotletsa ka majwe; gonne banna botlhe ba ne ba sudile dipelo, mongwe le mongwe ka ntlha ya bomorwawe le ka ntlha ya bomorwadie, mme Dafita a itiisa ka Morena, Modimo wa gagwe.


Ke fa Samuele a tsaya lefika, a le tlhoma fa gare ga Mitsepha le Šene, a le taya leina la Ebenesere, a re: “Morena o re thusitse go fitlha kajeno.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan