Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:4 - Setswana 1970

4 Itumeleng mo Moreneng ka gale, ke a boela ka re, itumeleng!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Nnang lo itumetse mo Moreneng ka metlha yotlhe; ke ipoeletsa gape, ka re itumeleng!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Itumeleñ mo Moreneñ ka gale; mi ki bile kia lo raea, Itumeleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Itumeleng mo Moreneng ka metlha yotlhe; ke tlaa ba ke re: Itumeleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:4
18 Iomraidhean Croise  

Ke tla nna ke galaletsa Morena ke ntse ke phela; ke tla nna ke opelela Modimo wa me ke sa ntse ke le yo.


Lona basiami, dudueletsang Morena, sefela sa pako se tshwanetse batlhamaladi.


Le fa go ntse jalo ke rata go dudueletsa Morena, ke rata go itumelela Modimo wa pholoso ya me.


Itumeleng lo ipele; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa magodimong. Gonne ba bogisitse baporofeti jalo, ba ba neng ba le teng pele ga lona.


Ya re gare ga bosigo Paulo le Silase ba rapela, ba opelela Modimo difela, bagolegwi-ka-bone ba bo ba ba reeditse.


Ke fa bone ba tswa fa pele ga lekgotla le legolo, ba itumela ka ba kailwe ba na le tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya leina la gagwe.


Itumeleng mo tsholofelong; itshokeleng tlalelo; tswelelang mo thapelong.


jaaka ba ba hutsafetseng, etswe re itumetse ka gale; jaaka bahumanegi, etswe re humisa ba bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, etswe re na le dilo tsotlhe.


Mme le fa rona gongwe moengele yo o tswang kwa legodimong a ka lo rerela Efangele e sele e e ganetsanyang le e re e lo reretseng, a a hutsege!


Mme le lona itumeleng fela jalo, lo itumeleng le nna.


Gape, ba ga etsho, itumeleng mo Moreneng. Go lo kwalela dilo di le dingwe fela, nna ga go ntapise, mme lona go a lo tiisa.


Mme itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan