Bafilipi 4:3 - Setswana 19703 Ee, le wena, molekane wa me wa nnete mo tirong, ke a go rapela ka re, ba thuse, basadi bao, ba ba nthusitseng mo tlhabanelong ya Efangele, ba na le Klemense le badiri-ka-nna ba bangwe ba maina a bone a leng mo Lokwalong lwa Bophelo. Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha3 Mme ke a go kopa, tsala ya me ya boammaaruri go thusa basadi ba, gonne ba dirile le nna mo go boleleleng bangwe Mafoko a a Molemo, ba dirile le Klement, le botlhe badiri ka nna botlhe ba maina a bone a kwadilweng mo Lokwalong lwa Botshelo. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)3 Le uena molekane oa me oa tiho, thusa basari ba ba ’nthusitseñ mo evangelioñ, le ena Kelemento, le ba bañue ba ba rihelañ le ’na, ba maina a bona a leñ mo bukeñ ea botselo. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo3 Ee, le wena ke a go rapela, mmelegajokwe ka nna wa mmaanete, ka re, thusa basadi bao, gonne ba kile ba dira le nna mo Mafokong a a Molemo, le ene Kelemente, le ba bangwe badiri ka nna, ba maina a bone a mo lokwalong lwa botshelo. Faic an caibideil |
“Ka sebaka seo go tla nanoga Migaele, kgosana e kgolo ele, go sireletsa bana ba morafe wa gago. E tla nna sebaka sa tlalelo se se iseng se ke se nne teng go tloga ka tlholego ya batho go fitlha nakong eo. Ka sebaka seo go tla pholosiwa morafe wa gago, e bong botlhe ba ba fitlhelwang ba kwadilwe mo lokwalong.
Sebata se o se bonyeng, se ne se le teng, mme jaanong ga se tlhole se le teng; mme se tla tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekanngo, se ya kwa tatlhegong. Foo ba ba agileng mo lefatsheng, ba maina a bone a sa kwalwang mo lokwalong lwa bophelo go tswa tlholegong ya lefatshe, ba tla gakgamala, fa ba bona sebata gore se ne se le teng, mme ga se tlhole se le teng, mme se tla nna teng gape.