Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:20 - Setswana 1970

20 A kgalalelo e nne ya Modimo Rraetsho go ya bosakhutleng jotlhe! Amen.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

20 A kgalalelo e nne go Modimo Rraetsho ka metlha le metlha. Amen.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

20 Mi yana, a khalalelo e ne Morimoñ le Rra oa rona ka bosina bokhutlo yotle. Amena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

20 Jaana, a kgalalelo e nne go Modimo le Rra wa rona ka bosenabokhutlo le ka bosaengkae. Amen.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:20
19 Iomraidhean Croise  

Se nee rona, Morena, se nee rona, mme o nee leina la gago kgalalelo ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gago le ka ntlha ya boammaaruri jwa gago.


Mme a leina la ona le le galalelang le bakwe ka bosakhutleng; a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo ya ona, Amen, ee, a go nne jalo!


lo ba rute go tlhokomela tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme itseng, nna ke na le lona ka malatsi otlhe go ya bokhutlong jwa lefatshe.”


Mme lona lo rapele jaana lo re: “ ‘Rraetsho yo o kwa magodimong; leina la gago a le itshepisiwe;


Gonne dilo tsotlhe di tswa go ene, di teng ka ene, di ya go ene. Tlotlo a e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen.


ona Modimo o o leng botlhale o le osi, a kgalalelo e nne ya ona ka Jesu Keresete ka bosakhutleng! Amen.


a kgalalelo e nne ya ona mo phuthegong le mo go Keresete Jesu go ya tshikatshikeng tsa bosakhutleng. Amen.


lo nne ba ba tletseng maungo a tshiamo a a leng ka Jesu Keresete go nna tlotlo le poko ya Modimo.


Bopelotlhomogi jwa Morena Jesu Keresete a bo nne le mewa ya lona!


Mme jaanong Kgosi ya masakhutleng, e bong Modimo o o sa nyeleleng, o o sa bonweng, o o botlhale o le osi, a tlotlo le kgalalelo e nne tsa ona ka bosakhutleng! Amen.


e bong Modimo o osi, Mopholosi wa rona ka Jesu Keresete, Morena wa rona, a kgalalelo e nne ya one le borena le thata le puso ka metlha e e fetileng le jaanong le ka bosakhutleng! Amen.


a ba a re dira dikgosi le baperesiti ba Modimo, Rraagwe; a kgalalelo e nne ya gagwe le thata go ya bosakhutleng! Amen.


Mo nakong eo ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe, karolo ya lesome ya motse ya wa; mo thoromong ya lefatshe ga bolawa batho ba le dikete di supa; ba bangwe ba tshoga thata, ba obegela Modimo wa legodimo.


A bua ka lentswe le legolo a re: “Boifang Modimo, lo o obegele; ka gonne nako ya katlholo ya ona e tsile; lo obamele ona o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.”


ba bua ka lentswe le legolo ba re: “Kwana e e tlhabilweng e na le tshwanelo ya go tshola thata le khumo le botlhale le nonofo le tlotlo le kgalalelo le poko.”


ba re: “Amen! A poko le kgalalelo le botlhale le tebogo le tlotlo le thata le nonofo e nne tsa Modimo wa rona go ya bosakhutleng! Amen.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan