Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:15 - Setswana 1970

15 Kana le lona Bafilipi lo itse gore mo tshimologong ya Efangele, e rile ke sena go tloga kwa Maketonia, ga se ka ga nna phuthego epe e e neng ya tlhakanela lenaneo la me la madi le nna ntlheng ya go ntsha le go amogela fa e se lona lo le losi fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Jaaka lo itse sentle, erile la ntlha fa ke lo tlisetsa Efangele, ke le mo tseleng ke tswa Masedonia, ke lona fela Bafilipi ba lo neng lwa nna bapati ba me mo go abeng le mo go amogeleng. Ga go na phuthego epe e e dirileng jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Le lona Bafilipi, itseñ, ha erile mo tsimologoñ ea evangelio, ka ki huruga mo Makedonia, ga go ekelesia epe e e ’nkabetseñ kaga go nela le go cula, ha e si lona losi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Le lona ka losi lo a itse, lona Bafilipi, fa e rile mo tshimologong ya Mafoko a a Molemo, jale ka ke tloga mo Maketonia, go se ka ga dira le epe phuthego e e ikopantseng le nna mo tirong ya go aba le go amogela, fa e se lona fela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:15
12 Iomraidhean Croise  

Mme Elisa a re: “Ka botshelo jwa Morena yo ke mo direlang! Ga ke ne ke e amogela.” Le fa a mo emelela go e tsaya, a gana.


Kehasi, modiredi wa ga Elisa monna wa Modimo a re: “Kana mong wa me o rekegetse Naamane wa Mosiria yoo, a sa amogela sepe mo seatleng sa gagwe sa tse o neng a di tlisitse. Ka botshelo jwa Morena! Ke tla taboga, ke mo latela, ke amogela sengwe mo go ene.”


Ba tswa mo ntlong ya kgolegelo, ba ya kwa go Ledia; mme ya re ba sena go bona bakaulengwe, ba ba gomotsa, ba tloga ba tsamaya.


gonne ba Maketonia le Agaya ba bonye go le molemo go phuthela bahumanegi ba baitshepi ba ba kwa Jerusalema dikatso.


Ba ga etsho, ke rata lwa itse gore tse di ntirafaletseng di thusitse thata go tsweletsa Efangele pele,


Bano ba dira ka lorato, ka ba itse gore ke beetswe go emela Efangele;


ka ntlha ya gore lo abetswe Efangele go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha gompieno.


jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa.


Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan