Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:12 - Setswana 1970

12 Lehuma ke a le itse, le letlotlo ke a le itse; ke itse dilo tsotlhe, le fa e le go kgora gongwe go bolawa ke tlala, le fa e le go atlanegelwa gongwe go tlhoka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Ke itse ka fa ke ka tshelang ka teng ke na le sengwe le ke sena sepe. Ke ithutile sephiri sa go kgotsofadiwa mo seemong sengwe le sengwe, le fa e le go kgora kgotsa go tshwarwa ke tlala go huma kgotsa go humanega;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi kia itse rure go nolaharioa, mi kia itse go na le botlalo; ki rutiloe mo ntleñ cotle le mo liloñ cotle, go khora, le go utlua tlala, go na le botlalo, le go boga botloko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Go kokobediwa ke a go itse, le go huma ke a go itse; mo go sengwe le sengwe, le mo dilong tsotlhe ke ithutile bokwateng jwa go kgora le go bolawa ke tlala, go atlanegelwa le go tlhoka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:12
15 Iomraidhean Croise  

Wa ba naya Mowa o o molemo wa gago go ba ruta, wa se ka wa tima melomo ya bone Mmana wa gago, wa ba naya metsi go tima lenyora la bone.


E rile seatla sa Morena se ntshwara, mme a ntlhagisa gore ke se ka ka tsamaya mo tseleng ya morafe o, Morena a bua jaana le nna a re:


Gonne e rile ke sena go ikepa, ka ikwatlhaya; ya re ke sena go ipona, ka ingwaya tlhogo. Ke tlhabilwe ke ditlhong, ka swaba, gonne ke rwele kgobo ya bošwa jwa me.’


Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute mo go nna; gonne ke bonolo le boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela mewa ya lona tapologo.


A ba raya a re: “Ka moo moitsedikwalo mongwe le mongwe yo o rutilweng tsa puso ya magodimo o tshwana le mong wa ntlo yo o ntshang tse dintšhwa le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.”


Mme nna Paulo ka nosi ke lo rapela ka bopelonolo le bopelonomi jwa ga Keresete, yo e a reng fa ke le koo go lona, ke be ke le boikokobetso, mme fa ke se yo, ke be ke le pelokgale mo go lona.


Gonne ba re: “Dikwalo tsona di bokete, di thata, mme fa a le teng ka boene, o bokoa, e bile puo ya gagwe e a nyatsega.”


Ke ne ke le mo matsapeng le maitapisong, ke tlhoka boroko gantsi, ke bolawa ke tlala le lenyora, ke itima dijo gantsi, ke bolawa ke serame le go sa apara.


A kampo ke dirile boleo ka go ikokobetsa gore lona lo tle lo godisiwe, ka ke lo reretse Efangele ya Modimo kwa ntle ga tuelo?


E rile ke le fa go lona ke tlhoka, ka se ka ka imetsa ope; gonne go tlhoka ga me go tlositswe ke bakaulengwe ba ba neng ba tswa kwa Maketonia; ke ne ka ithiba mo go tsotlhe gore ke se ka ka imetsa ope, mme ke tla nna ke ithiba.


“A mmona mo lefatsheng la sekaka, fa go tobekanyeng mo selelong sa naga ya dibata. A mo agelela, a mmabalela, a mo sireletsa jaaka thaka ya leitlho la gagwe,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan