Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:11 - Setswana 1970

11 Ga ke bue jalo ka ntlha ya go tlhoka; gonne ke ithutile go itumelela tse ke leng mo go tsona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 E seng ka ntlha ya gore ke kile ka tlhoka, gonne ke itlwaeditse go itumela fa ke na le go le gontsi le go le gonnye.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi ga ki bue se kaga botloko; gone ki ithutile go itumelana le popego e ’nka nañ mo go eona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Ga se go re ke bua ka ga go tlhoka; gonne ke ithutile gore, le fa ke ka nna mo popegong e e ntseng jang, ke be ke itumele fela mo go yone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:11
13 Iomraidhean Croise  

Le gona Jakobe a ipofa ka maikano a re: “Fa Modimo o ka nna le nna, wa mpoloka mo tseleng e ke tsamayang ka yona, wa mpha bogobe go ja le diaparo go apara;


Moše a dumela go nna le monna yoo; ene a neela Moše Siphora morwadie go nna mosadi wa gagwe.


Batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme fa e le rona, re dire eng?” A ba raya a re: “Se gateleleng ope, se lefiseng ope ka patiko; mme lo itumelele tuelo ya lona fela.”


Ke ne ke le mo matsapeng le maitapisong, ke tlhoka boroko gantsi, ke bolawa ke tlala le lenyora, ke itima dijo gantsi, ke bolawa ke serame le go sa apara.


jaaka ba ba hutsafetseng, etswe re itumetse ka gale; jaaka bahumanegi, etswe re humisa ba bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, etswe re na le dilo tsotlhe.


gonne lo itse bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu gore le fa a ne a humile, o ne a humanega ka ntlha ya lona gore lo hume ka khumanego ya gagwe.


Mme Modimo o nonofile go lo atisetsa neo nngwe le nngwe ya bopelotlhomogi, gore lo nne le tsotlhe tse di lekanyeng ntlheng tsotlhe ka gale, le letlotlo la go ka dira tiro nngwe le nngwe e e molemo;


Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete,


Kana ba ba golegilweng lo ba tlhomogetse pelo, mme go amogwa dithoto tsa lona lwa go itshokela ka boitumelo, ka lo itse gore lona lo na le khumo kwa legodimong e e gaisang tsa lefatshe e e nnelang ruri.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan