Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:9 - Setswana 1970

9 ke be ke fitlhelwe mo go ene, ke se na tshiamo ya me e e tswang mo molaong, mme e le e e bonwang ka go dumela mo go Keresete, e bong tshiamo e e tswang mo Modimong ka tumelo

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 ke nne mongwe fela nae, ke sa tlhole ke bona gore ke tshwanetse go bolokwa ka go siama thata kgotsa go obamela melao ya Modimo, fa e se fela ka go ikanya Keresete go mpoloka; gonne tsela ya Modimo ya go re dira gore re nne tshiamo nao e eme mo tumelong, re beile mo go Keresete a le nosi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Le go bonoa mo go ena, esiñ go na le tsiamo ea me, e e leñ ea molao, mi e e leñ ka ntla ea tumelo ea ga Keresete, eboñ tsiamo e e leñ ea Morimo, ka ntla ea tumelo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Le gore ke fitlhelwe ke le mo go ene, ke se na tshiamo e e leng ya me, e bong yone e e leng ya molao, fa e se yone e e ntseng ka tumelo mo go Keresete, e bong tshiamo e e tswang mo Modimong ka tumelo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:9
56 Iomraidhean Croise  

Modimo wa nyeletsa jalo diphedi tsotlhe tse di mo lefatsheng, e leng batho le diruiwa le digagabi le dinonyane tsa legodimo, tsa fedisiwa mo lefatsheng; ga bolokega Noa fela le tse di neng di na nae mo mokorong.


“E re fa ba go leofela – kana ga go na motho yo o sa leofeng! – mme o ba galefela, o ba neela mo diatleng tsa mmaba, mme bathopi ba bone ba ba isa mo botshwarong kwa lefatsheng la mmaba le le kgakala gongwe le le gaufi;


Mme Hesekia a se ka a lebogela se a se diretsweng, a ikgodisa; ka moo a tukelwa bogale le ba Juta le ba Jerusalema.


Le gona o ne a ntse jalo, fa barongwi ba babusi ba Babele ba tla ba romilwe kwa go ene go botsolotsa ka ga sesupo se se gakgamatsang se se dirafetseng mo lefatsheng; ke fa Modimo o mo tlogela fela go mo leka gore o itse tsotlhe tse di leng mo pelong ya gagwe.


Ba fapogile botlhe, ba senyega mmogo. Ga go ope yo o dirang molemo, le e seng a le mongwe fela.


Mme o se ka wa seka le motlhanka wa gago; gonne ga go na mophedi ope yo o siameng fa pele ga gago.


Le motlhanka wa gago o sedimosediwa ka tsona; go di tlhokomela go na le mosola o mogolo.


Gonne ga go na motho ope mo lefatsheng yo o siameng, yo o dirang molemo, a sa leofe.


Ke atameditse tshiamiso ya me, ga e kgakala. Pholoso ya me ga e diege. Ke aba pholoso mo Sione, ke naya Iseraele kgalalelo ya me.’ ”


O tla bona tseo, a kgora ka ntlha ya tapisego ya mowa wa gagwe. “Motlhanka wa me yo o siameng o tla siamisa ba bantsi ka kitso ya go mo itse, mme melato ya bone ene o tla e rwala.


Rona rotlhe re ne re timetse jaaka dinku, mongwe le mongwe wa rona a fapogela mo tseleng ya gagwe, mme Morena o ne a digela melato ya rona rotlhe mo go ene.


Foo ka bua ka re: “A tatlhego ya me wee, gonne matlho a me a bonye kgosi, Morena wa masomosomo; ke a nyelela, ka ke le motho wa molomo o o maswe; ke bile ke agile mo gare ga morafe o o melomo e maswe.”


Mo malatsing a yona Juta o tla pholosiwa, Iseraele o tla nna mo tshireletsong. ‘Morena ke tshiamo ya rona’, ke lone leina la gagwe le ba tla mmitsang ka lone.


Mo malatsing ao go tla pholosiwa Juta, mme Jerusalema o tla nna mo tshireletsong. Mme Jerusalema ba tla mo taya leina le le reng: “Morena-ke-tshiamo-ya-rona.” ’ ”


“Morafe wa ga eno le motse o o boitshepo wa ga eno di beetswe bosupa jwa dinyaga ga 70 tsa go budusa boikepo le go tlatsa selekanyo sa boleo le go ruanya molato le go tlisa tshiamo e e sa khutleng le go kana polelelopele le moporofeti, le go kgakola Boitshepo jwa Maitshepo.


Jaanong tsamayang, lo ithute gore ke go reng, fa go twe: ‘Ke batla kutlwelo-botlhoko, e seng setlhabelo;’ gonne ke tsile go biletsa baleofi tlhabologong, e seng basiami.”


gonne tshiamo ya Modimo e senolwa mo go yona ka tumelo go isa tumelong, jaaka go kwadilwe ga twe: “Mosiami o tla phela ka tumelo.”


Gonne go dumela ka pelo go isa motho tshiamong; go ipolela ka molomo go isa pholosong.


Dumedisang Anteroniko le Junia, ba setšhaba sa ga etsho, ba ba neng ba tshwerwe mmogo le nna, ba ba tumileng mo baapostolong, ba ba bileng ba ineetse Keresete pele ga me.


gore bopelotlhomogi bo tle bo buse ka tshiamo go isa kwa bophelong jo bo sa khutleng ka Jesu Keresete, Morena wa rona, jaaka boleo bo busitse ka loso.


Jaanong he, ga go na katlholo ya tatlho epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu, ba ba sa tsamaeng ka fa nameng, mme ba tsamaya ka fa moweng.


Gonne se se reteletseng molao, ka o se na thata ka ntlha ya nama, Modimo o se dirile, wa atlhola boleo mo nameng ka go roma Morwaa-ona mo tshwanong ya nama ya boleo le ka ntlha ya boleo,


Mme ke ka ona, fa lona lo le mo go Keresete Jesu, yo Modimo o mo re diretseng botlhale le tshiamo le boitshepiso le kgololo,


Ka moo he, fa motho a le mo go Keresete, o a bo a le sebopiwa se sešwa; dilo tsa bogologolo di fetile, bonang, di ntšhwafetse tsotlhe!


Gonne Keresete yo o neng a sa itse boleo, Modimo o mo dirile boleo ka ntlha ya rona gore re nne basiami fa pele ga ona ka ene.


e re ka re itse gore motho ga a siamisiwe ka ditiro tsa molao, mme e le ka go dumela mo go Keresete Jesu, le rona re dumetse mo go Keresete Jesu gore re tle re siamisiwe ka go dumela mo go Keresete, mme e seng ka ditiro tsa molao; gonne ga go kitla go siamisiwa motho ope ka ditiro tsa molao.


“ ‘Go hutsitswe yo o sa dirafatseng mafoko otlhe a molao oo ka go dira ka one.’ Mme a morafe otlhe o re: ‘A go nne jalo!’


ka fa tlhoafalong ke ne ke le mmogisi wa phuthego, ka fa tshiamong e e leng ka molao ke sa nyatsege.


o o re pholositseng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, mme e le ka fa boikaelelong jwa ona le ka fa bopelotlhomoging jo re sa leng re bo newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo,


wa re pholosa, e seng ka ntlha ya ditiro tsa tshiamo tse rona re di dirileng, mme e le ka fa boutlwelong-botlhoko jwa ona ka tlhapo ya go tsalwa gape le ka ntšhwafatso ya Mowa o o Boitshepo


e le gore ka dilo tse pedi tse di sa ka keng tsa fetoga, tse Modimo o sa ka keng wa aka ka gope ka tsona, rona ba re falotseng mo lefatsheng re tle re nne le kgomotso e kgolo, re itshwarelele ka tsholofelo e e beilweng fa pele ga rona,


Gonne rona rotlhe re fosa gantsi. Fa mongwe a sa fose mo puong, yoo e a bo e le monna wa botlalo yo o nonofileng go laola le ona mmele otlhe.


Nna Simone Petoro, motlhanka le moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba neilweng tumelo ya botlhokwa jaaka rona ka tshiamo ya Modimo wa rona le ya Mopholosi Jesu Keresete:


Mongwe le mongwe yo o dirang boleo o a siamolola; boleo ke jona tshiamololo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan