Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:6 - Setswana 1970

6 ka fa tlhoafalong ke ne ke le mmogisi wa phuthego, ka fa tshiamong e e leng ka molao ke sa nyatsege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Mme a go boammaruri? Ee, ke ne ke bogisa phuthego thata; mme ke rata go ikobela molao mongwe le mongwe wa Sejuta go fitlhelela kwa bofelong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Kaga tloahalo, ki le mogisi oa ekelesia; mi kaga tsiamo e e mo molaoñ, ki sina molatu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 ka ga tlhoafalo, ke ne ke bogisa phuthego; ka ga tshiamo e e leng ya molao, ka fitlhelwa ke se na molato.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:6
25 Iomraidhean Croise  

Ke fa kgosi e bitsa Bagibeone, e ba botsa – kana Bagibeone e ne e se Baiseraele, mme e le masalela a Baamori. (Jaanong le fa Baiseraele ba ne ba ba ikanetse go ba rekegela, Saule o ne a ntse a ba bolaya ka go tlhoafalela Baiseraele le Bajuta.)


a re: “Tlaya le nna o mpone ka boitumelo ke tlhoafalela Morena.” Mme a ya nae mo koloing ya gagwe.


O se ka wa siama thata thata! O se ka wa itshupa o le botlhale go feta botlhe! O tla bo o itshenyetsang?


Mme fa nama eo e boela e sweufala gape, a a tle kwa go moperesiti.


“Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo tlhatswa senwelo le mogopo ka fa ntle, mme mo teng di tletse bogodu le bopelotshetlha.


Gonne ke lo raya ke re: Fa tshiamo ya lona e sa gaise ya Baitsedikwalo le ya Bafarisai, ga lo ka ke lwa tsena mo pusong ya magodimo ka gope.


Ba bo ba siame fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena, ba se na molato.


Mme bone, ya re ba utlwa, ba galaletsa Modimo, ba mo raya ba re: “Mogarona, o a bona gore ke dikete tse di kana kang tsa Bajuta ba ba dumetseng; mme botlhe ba tlhoafaletse molao.


jaaka le ene moperesiti yo mogolo le lesomo lotlhe la bagolo ba ka supa ka ga me. Ke bile ka tsaya dikwalo mo go bone tse di yang kwa go ba ga etsho ba Damaseko, ka etela teng gore le ba ba teng ke ba golege, ke ba tsise kwano Jerusalema, ba tle ba fiwe petso.


ka ba sa le ba nkitse go tloga tshimologong; fa ba rata, ba ka bo ba supa gore ke phedile ke le Mofarisai mo lesomong le le nang le molao o o gagametseng thata la tumelo ya rona.


Mme Saule a nna a tlhorisa phuthego, a tlhomaganya matlo, a swatola banna le basadi, a ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo.


Nna, pele ke ne ke phela kwa ntle ga molao; jaanong e rile taolo e sena go tla, boleo jwa tsoga,


Se kgopiseng Bajuta gongwe Bagerika le e seng phuthego ya Modimo,


Gonne ke yo mmotlana mo baapostolong, yo ke sa tshwanelang go bidiwa moapostolo, ka ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo.


gore lo nne lo se na molato, lo le bopeloephepa le bana ba Modimo ba ba sa nyatsegeng mo gare ga batho ba ba kgopo le tshokamo, ba lona lo phatsimang mo go bone jaaka dinaledi mo lefatsheng;


ke be ke fitlhelwe mo go ene, ke se na tshiamo ya me e e tswang mo molaong, mme e le e e bonwang ka go dumela mo go Keresete, e bong tshiamo e e tswang mo Modimong ka tumelo


nna yo e rileng pele ka bo ke le mokgadi le mmogisi le mogateledi. Mme ke utlwetswe botlhoko, ka ke dirile jalo ke sa itse, ke tlhoka tumelo.


Ke fa banna ba motse ba raya Joase ba re: “Ntsha morwao, re mmolae! Gonne o digile aletare ya ga Baale, o bile remile kota ya ga Ašera e e neng e le fa thoko ga yona.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan