Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:21 - Setswana 1970

21 yo o tla fetolang mebele e e seng ya sepe ya rona gore e tshwane le mmele wa gagwe wa kgalalelo ka fa thateng e a nonofileng go ka tsenya tsotlhe mo taolong ya gagwe ka yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 E tlaa re fa a tla o tlaa tsaya mebele e e swang e ya rona, a e fetolele mo mebeleng e e galalelang jaaka wa gagwe, a dirisa nonofo e le nngwe fela e o tlaa e dirisang go tlhabana le sengwe le sengwe gongwe le gongwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Eo o tla hetolañ mebele e e mashue ea rona, gore e ne go cuana yaka mele oa khalalelo oa gague, kaha tihoñ e o ka itaolelañ lilo cotle ka eona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 yo o tlaa bopang seša mmele wa boikokobetso jwa rona, gore o bopege jaaka mmele wa kgalalelo ya gagwe, ka fa go direng mo o nonofileng go ipeela dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:21
18 Iomraidhean Croise  

Re tla go direla dikeetane tsa gouta tse di nang le dikgotlhwana tsa selefera.


O tla nyeletsa loso ka go sa feleng. Modimo, Morena o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe, a tlosa kgobo ya morafe wa gagwe mo lefatsheng lotlhe. Gonne Morena o buile jalo.


Mme baswi ba gago ba tla phela, ditoto tsa me di tla tsoga. Ba ba agileng mo leroleng ba tla rula, ba duduetsa. Gonne monyo wa gago ke monyo wa masedi, mme lefatshe le tla ntshetsa baswi mo bophelong.


Mme ke tla ba golola mo felong ga baswi, ke ba rekolola mo losong. Loso, matlhoko a gago a kae? Felo ga baswi, tshenyo ya gago e kae? Mme ga nkitla ke ikwatlhaela tseo.


Foo a fetoga setshwano fa pele ga bone; sefatlhego sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, diaparo tsa gagwe tsa nna ditshweu jaaka lesedi.


Jesu a ba araba a re: “Lo a timela, ka lo sa itse Dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo;


Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.


Gonne ba o ba itsileng pele, o ba tlhaotse pele gore ba tshwane le popego ya Morwaa-ona, a tle a nne motsalwapele mo baneng ba le bantsi.


E tla re Keresete yo e leng botshelo jwa rona a bonala, foo le lona lo bonale nae mo kgalalelong.


Baratwi, jaanong re bana ba Modimo mme ga go ise go bonatsege gore re tla nna jang. Mme re itse gore fa a sena go bonatsega, re tla tshwana nae; gonne re tla mmona jaaka a ntse.


“Ke nna Alefa le Omega,” go bua Morena Modimo yo o leng teng, e bile o ne a le teng, e bile ke yo o tla tlang, Mothatayotlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan