Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:20 - Setswana 1970

20 Mme rona legae la rona le kwa magodimong, re bile re lebeletse Mopholosi go boa teng, e bong Morena Jesu Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

20 Mme legae la rona le kwa legodimong, kwa Mmoloki wa rona Morena Jesu Keresete a leng teng; mme ebile re lebeletse go boa ga gagwe a tswa teng koo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

20 Gone tsamao ea rona, e mo legorimoñ; kua re lebeletseñ muluki, Yesu Keresete morena oa rona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

20 Gonne motse wa rona o kwa legodimong; kwa le gone re lebeletseng Mmoloki go tswa teng, e bong Morena Jesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:20
36 Iomraidhean Croise  

O tla nkitsise tsela ya bophelo; go kgora boitumelo, go fa pele ga sefatlhego sa gago, le go ja monate fa letsogong le le jang la gago ka bosakhutleng.


Mme nna ke tla leba sefatlhego sa gago ke le mo tshiamong, ke tla kgora setshwano sa gago mogang ke thanyang.


Tsela ya bophelo e tlhatlosetsa motlhalefi kwa godimo gore a fapoge felo ga baswi ka kwa tlase.


Jesu a mo araba a re: “Fa o rata go nna yo o tletseng, yaa o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tla nna le lehumo kwa magodimong; o be o tle, o ntshale morago!”


“Yo o iphuthelang matlotlo, mme a sa huma ka fa Modimong, o ntse jalo.”


Foo o tla nna sego, ka gonne ga ba na se ba ka go busetsang ka sona; o tla busediwa mo tsogong ya basiami.”


ba re: “Lona banna ba Galelea, lo emetseng lo leletse kwa legodimong? Jesu yole yo o tsholeleditsweng kwa legodimong, a tswa mo go lona, o tla boa a tla fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong.”


fa e bileng lo sa tlhoke neo epe, lo ntse lo lebeletse tshenogo ya Morena wa rona Jesu Keresete,


Ba lefatshe ba tshwana le wa lefatshe, mme ba legodimo ba tshwana le ene yo o tswang legodimong.


ka re sa tlhokomele dilo tse di bonwang, mme re tlhokometse tse di sa bonweng; gonne dilo tse di bonwang di a feta, mme tse di sa bonweng tsona ke tsa bosakhutleng.


Mme re pelokgale, re bile re eletsa bogolo go huduga mo mmeleng le go goroga go nna le Morena.


Mme Jerusalema o o kwa godimo ke mohumagadi yo e seng lelata, ke ona mmaarona rotlhe;


Jaanong he, ga lo tlhole lo le baeng le bajaki, mme lo ba morafe mmogo le baitshepi, lo ba ntlo ya Modimo,


wa re tsosa nae, wa re nnisa nae mo legodimong go nna mo go ene Keresete Jesu,


le gore lo tlhotlhomise dilo tse di batlegang gore lo nne bopelophepa, lo se kgopise go ya letsatsing la ga Keresete,


Fela tshelang mo phuthegong jaaka go tshwanetse Efangele ya ga Keresete gore le fa nka tla ka lo bona gongwe ke se yo, ke utlwe ka ga lona gore lo eme ka tlhomamo mo moweng o le mongwe fela, lo tlhabanela tumelo ya Efangele mmogo ka bongwefela jwa pelo,


ka ntlha ya tsholofelo ya se lo se beetsweng mo magodimong, se lo setseng lo utlwile ka ga sona ka Lefoko la boammaaruri la Efangele


le go lebelela Morwaa-ona go boa kwa magodimong, yo o mo tsositseng mo baswing, e bong Jesu yo o re falodisang mo bogaleng jo bo tlang.


Gonne Morena ka esi o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi le ka lentswe la moengele yo mogolo le ka phala ya Modimo, mme baswi ba ba swetseng mo go Keresete ba tla tsoga pele.


Jaanong ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo se Morena Moatlhodi yo o siameng o tla se nnayang ka letsatsi leo, mme e seng nna ke le nosi, le bona botlhe ba ba ratang ponatshego ya gagwe.


re ntse re lebeletse lesego la tsholofelo le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo le ya ga Keresete Jesu Morepholosi


Mme lona lo tsile fa thabeng ya Sione, le mo motseng wa Modimo o o tshelang, e bong Jerusalema wa legodimo, le kwa masomosomong a baengele le kwa kgobokanong ya moletlo


Keresete le ene yo o dirilweng setlhabelo gangwe fela gore a tlose maleo a ba bantsi, o tla bonala la bobedi, e se ka ntlha ya boleo mo go bone ba ba mo lebeletseng go ba isa phologong.


Bonang, o tla a le mo marung, matlho otlhe a tla mmona, le ba ba mo tlhabileng; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla lela ka ntlha ya gagwe. Ee, Amen.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan