Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:2 - Setswana 1970

2 Itiseng mo dintšweng, itiseng mo badiring ba ba bosula, itiseng mo go segakweng!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Itlhokomeleng mo bathong ba ba bosula, bao, dintsa tse di diphatsa, ke ba bitsa jalo, ba ba reng lo tshwanetse go rupisiwa gore lo bolokwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Itiseñ mo linceñ, itiseñ mo barihiñlibe, itiseñ mo basegakiñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Lo itise mo dintšeng, lo itise mo badiring ba bosula, lo itise mo go ba ba rupisang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:2
31 Iomraidhean Croise  

Tlogang fa go nna, basulafatsi ke lona, gore ke tlhokomele ditaelo tsa Modimo wa me.


Thata ya me e omeletse jaaka lengetana, loleme lwa me lo kgomaretse magalapa a me; mme o ntatsa mo loroleng lwa loso.


Mme wena, Morena, se nne kgakala le nna, wena thata ya me, itlhaganelele go nthusa.


Lesilo le le boelelang bosilo jwa lone le tshwana le ntšwa e e boelang go ja matlhatsa a yona.


Metlheng eo ba bantsi ba tla kgotšwa, ba tshwarisanya, ba tlhoana.


“Itiseng mo baporofeting ba e seng bone, ba ba tlang go lona ba apere diaparo tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolang.


“Lo se ka lwa naya dintšwa se se itshepileng; le gona lo se ka lwa latlhela ditalama tsa lona fa pele ga dikolobe, e se re gongwe tsa di gataka ka ditlhako tsa tsona, tsa ba tsa retologa, tsa lo gagoganya.


Kana Mojuta tota ga se yo e leng Mojuta ka fa ponalong; le thupiso e e dirwang mo mmeleng fela ga se yona tota.


Gonne batho ba ba ntseng jalo ke baapostolo ba maaka le badiri ba tsietso, ka ba itirile e kete ke baapostolo ba ga Keresete.


Lona, bakaulengwe, lo bileditswe kgololesegong; fela a e se nne kgololesego ya nama e e nayang boleo taolo, mme lo direlane ka lorato.


Mme fa lo lomana, lo metsana, itiseng gore lo se fetsanye.


Kana mo go Keresete Jesu go rupa le go sa rupeng ga go thuse, go thusa tumelo fela e e itshupang ka lorato.


Bokhutlo jwa bone ke tatlhego, modimo wa bone ke mpa, tlotlo ya bone ke ditlhong tsa bone; ba gopola tsa lefatshe fela.


Gonne ba ba rupileng tota ke rona ba re direlang Modimo ka Mowa, re ipoka ka Keresete Jesu, re sa ikanye nama,


o ntse o na le tumelo le segakolodi se se se nang molato, se batho bangwe ba se latlhileng, mme ba senyegelwa ke tumelo,


Ba ipolela ba re ba itse Modimo! mme ba o itatola ka ditiro tsa bone, ka ba le bosula mo go fetisang, ba sa utlwe, ba sa nonofa go dira tiro epe e e molemo.


Ba dirafaletswe ke se se bolelwang ka seane sa boammaaruri se se reng: “Ntšwa e boetse matlhatseng a yona;” le se sengwe se se reng: “Kolobe e e tlhapileng e boetse go bidikama mo dithetseng.”


Gonne go itshusumeditse batho bangwe ba e sa leng bogologolo ba kwaletswe katlholo ya go re: Ke baikepi ba ba fetolang bopelotlhomogi jwa Modimo wa rona boitaolo, mme ba itatola Molaodi yo o tlhelele, Morena wa rona Jesu Keresete.


“ ‘Ditiro tsa gago le pitlagano ya gago le khumanego ya gago ke a di itse, mme o humile – le kgalo ke a e itse ya ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bone, e le ba phuthego ya ga Satane.


Mme fa e le ba ba boi le ba ba sa dumeleng le ba ba maswe le babolai le diaka le baloi le ba ba direlang medimo e sele le baaki botlhe, bone kabelo ya bone e mo letsheng le le tukang molelo le sebabole; gona moo ke loso lwa bobedi.”


Ba ba tla salang kwa ntle ke dintšwa le baloi le diaka le babolai le badiredi ba medimo e sele le mongwe le mongwe yo o ratang maaka, a a dirisa.


Reetsa, ke go naya bangwe ba phuthego ya ga Satane ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bona, mme ba a aka; bona, ke tla dira gore ba tle, ba obamele fa dinaong tsa gago, ba lemoge gore ke go ratile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan