Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:18 - Setswana 1970

18 gonne ba bantsi ba ke lo boleletseng gantsi ka ga bone, mme jaanong ke bile ke lo bolelela ka selelo gore ba tshela e le baba ba sefapaano sa ga Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 Gonne ke lo boleletse gantsi, mme ke bua gape jaanong ka dikeledi mo matlhong a me, go na le ba le bantsi ba ba tsamayang mo tseleng ya Sekeresete mme tota e le baba ba mokgoro wa ga Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Gone bantsi ba tsamaea ka go sele, ba ki lo buleletseñ ga bona ka gantsi, le yana kia lo bulelela ka selelo, ha e le bona baba ba mokhoro oa ga Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 Gonne batho bantsi ba sepela e le baba ba mokgoro wa ga Keresete, e le ba ke ba lo boleletseng gantsi, mme gompieno ke lo bolelela fela ka go lela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:18
30 Iomraidhean Croise  

Matlho a me a ela dinokana tsa metsi, ka ba sa dirise molao wa gago.


E rile seatla sa Morena se ntshwara, mme a ntlhagisa gore ke se ka ka tsamaya mo tseleng ya morafe o, Morena a bua jaana le nna a re:


Mme fa lo sa utlwe mafoko a, mowa wa me o tla lelela mo sephiring ka ntlha ya boikgodiso jwa lona; leitlho la me le tla lela mo go botlhoko, le ela dikeledi, ka letsomane la Morena le isiwa mo botshwarong.


Ao! Tlhogo ya me e ka bo e le metsi, le leitlho la me e ka bo e le motswedi wa dikeledi gore ke lelele ba ba bolailweng ba morwadia morafe wa me bosigo le motshegare!


“Jaanong nna Nebukatenesare ke tumisa Kgosi ya legodimo, ke a e godisa, ke a e tlotla ka re: Tiro tsotlhe tsa yona ke tsa mannete, ditsela tsa yona di siame; ba ba sepelang ka boikgodiso, o itse go ba kokobetsa.”


le ntšhwe le moleane le lenongnyana la lewatle le bophakalane le mefuta ya bona


Jaanong fa moperesiti a mo tlhatlhoba, a fitlhela motshwa o ikadile mo letlalong, gona a moperesiti a re: ‘O itshekologile!’ E tla bo e le lepero.


Ya re a atamela, mme a bona motse, a o lelela


ke direla Morena ka boikokobetso jotlhe, le ka dikeledi, le ka dithaelo tse di nkwetseng ka ditalelo tsa Bajuta,


ka re, ke tletse bohutsana jo bogolo, pelo ya me e utlwa botlhoko ka gale.


Gonne lefoko la sefapaano ke bosilo fela mo go bone ba ba latlhegang, mme mo go rona ba re pholosiwang ke thata ya Modimo;


A kampo ga lo itse gore basiamolodi ga ba kitla ba rua puso ya Modimo? Se tsietsegeng; le fa e le diaka gongwe badiredi-medimo gongwe batlhadi gongwe banna ba ba akafalang le banna


Gonne batho ba ba ntseng jalo ke baapostolo ba maaka le badiri ba tsietso, ka ba itirile e kete ke baapostolo ba ga Keresete.


Ke mang yo o ka koafalang, nna ke sa koafale nae? Ke mang yo o ka kgopisiwang, nna ke sa swe pelo?


Gonne ke lo kwaletse ka dikeledi tse dintsi, ke le mo pitlaganong e kgolo le mo tlalelong ya pelo, e se gore lo tle lo hutsafadiwe, mme e le gore lo lemoge lorato lo ke lo ratang gagolo bogolo ka lone.


etswe go se e sele, e le fela ka gore go na le bangwe ba ba lo huduang, ba rata go fetola Efangele ya ga Keresete.


Mme ya re ke bona gore ga ba sepele ka fa tshwanelong ya boammaaruri jwa Efangele, ka raya Kefa fa pele ga botlhe ka re: “Fa wena yo o leng Mojuta o phela ka fa mokgweng wa baheitane, mme e seng wa Bajuta, o pateleletsang baheitane go phela ka fa mokgweng wa Bajuta?”


Ga ke latlhe boitshwarelo jwa Modimo; gonne fa tshiamo e le ka molao, Keresete o tla bo a swetse lefela.


le tsa bopelotshetlha le dipolao le tsa botagwa le mediro ya tlhapelo le tse di ntseng jalo, tse ke di lo bolelelang jaaka nkile ka bua pele ka re: Ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba nke ba rua boswa jwa puso ya Modimo.


Botlhe ba ba ratang go kgatlha batho ka tsa nama, bone ba lo pateletsa go rupa, e le fela gore ba se bogisiwe ka ntlha ya sefapaano sa ga Keresete.


Mme a go nne kgakala le nna go ipoka, fa e se fela ka sefapaano sa Morena wa rona Jesu Keresete, se lefatshe le mpapoletsweng ka sona, le nna ke bapoletswe lefatshe ka sona.


Jaanong ke bua jaana, e bile ke bolela ke le mosupi mo Moreneng ka re: Lo se tlhole lo tshela jaaka baheitane ba tshela mo boithamakong jwa maikutlo a bone;


thapelo nngwe le nngwe e ke lo rapelelang lotlhe ka yona ka gale ke e dira ka boitumelo


A go se nne ope yo o patikang mokaulengwe wa gagwe, le e seng go mo tsietsa mo thekisanyong; gonne Morena ke mmusolosi mo dilong tsotlhe tseo, jaaka re kile ra lo bolelela, ra lo tlhomamisetsa.


Gonne re utlwa go twe, bangwe ba tsamaya ka botlhaswa mo go lona, ba sa dire sepe, fa e se tse di se nang mosola fela.


bogolo bone ba ba latelang nama ka dikeletso tse di maswe, ba nyatsa borena; ba matepe, ba a ikgantsha, ga ba boife go kgala bagalaledi,


Ke makhubu a lewatle a a gwasang, ba phoka mafulo a ditlhong tsa bone; ke dinaledi tse di kailang, ba boloketswe bontsho jwa lefifi ka bosakhutleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan