Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:15 - Setswana 1970

15 Jaanong rona rotlhe ba re tletseng, a re nneng le kgopolo e e ntseng jalo; mme fa lo ka akanya sengwe ka go sele, le sona Modimo o tla se lo senolela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Ke solofela gore lotlhe ba lo leng Bakeresete ba ba godileng mo tumelong lo tlaa nna maikutlo a le mangwe le nna mo mabakeng one a, mme fa re sa dumalane mo ntlheng nngwe ke dumela gore Modimo o tlaa lo e tlhalosetsa sentle,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Mi ki gona, botle ba rona ba re rihiloeñ botlalo, a re utlueñ kutluo e; mi ha lo na le kutluo e sele kaga señue, le shona Morimo o tla se lo bontsa;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Ke gone, botlhe ba ba itekanetseng mo go rona, a re nneng maikutlo a a ntseng jalo; mme fa lo le maikutlo a sele mo selong sengwe, le sone Modimo o tlaa se lo senolela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:15
21 Iomraidhean Croise  

Go tla nna mmila o mogolo teng le tsela e e bidiwang tsela e e boitshepo. Ga e na go gatwa ke ope yo o kgotlelegileng. Ke ya bone ba ba tsamayang mo go yona; mme le fa e le masilo, ga a nke a timela.


Ka moo he, siamang ka botlalo jaaka Rraeno wa legodimo a siame ka botlalo.


Jaanong, fa lona ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, kana Rraeno wa legodimo o tla naya bone ba ba mo kopang Mowa o o Boitshepo bogolo jang!”


Gonne go kwadilwe mo baporofeting ga twe: ‘Botlhe ba tla bo ba rutilwe ke Modimo.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara, a ithuta, o tla go nna.


Fa motho a rata go dira thato ya Modimo, o tla itse ka ga thuto gore a e tswa go ona, kampo ke bua se se tswang mo go nna fela.


Rona ba re leng thata, re tshwanetse go itshokela makoa a ba ba seng thata, e seng go ikgatlha.


Ba ga etsho, se nneng bana mo tlhaloganyong, mme nnang masea mo bosuleng; mo tlhaloganyong gona lo nne banna.


Le gale botlhale re a tle re bo bue mo go ba ba botlalo; mme ga se botlhale jwa lefatshe leno le e seng jwa balaodi ba lefatshe leno ba ba nyelelang.


Nna ke lo ikanya mo Moreneng gore ga lo nke lo nna le maikutlo a sele; mme motho yo o lo huduang o tla boga petso ya molato wa gagwe, le fa e ka nna mang.


gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa kgalalelo, o lo nee Mowa wa botlhale wa tshenolo mo kitsong ya go o itse;


Ke ene yo re mo rerang ka go kgothatsa le go ruta motho mongwe le mongwe ka botlhale jotlhe gore re emise motho mongwe le mongwe a tletse mo go Keresete.


Epafera o a lo dumedisa, yo e leng wa ga lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, yo o ntseng a lo tlhabanela ka gale ka merapelo ya gore lo eme mo thatong yotlhe ya Modimo ka botlalo le ka tlhomamo;


Ka ga go ratana ga bakaulengwe ga go batlege mo go lona gore ke lo kwalele; gonne lona ka losi lo rutilwe ke Modimo go ratana;


gore motho wa Modimo a nne boitekanelo, e nne yo o etleetsegetseng tiro nngwe le nngwe e e siameng ka botlalo.


Mme dijo tse di loileng ke tsa ba ba godileng, ba ba nang le maikutlo a a tlwaeditsweng go ka farologanya tse di molemo le tse di bosula.


Mongwe le mongwe yo o tshegetsang Lefoko la gagwe, ruri lorato lwa Modimo lo mo go ene ka botlalo. Ke sona se re itseng ka sona gore re mo go ene.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan