Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:14 - Setswana 1970

14 Ke sianela bokhutlong jwa tshiano, ke tabogela sekgele sa pitso ya legodimo ya Modimo mo go Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Ke gagamaletse go fitlha kwa bokhutlong jwa lobelo le go amogela sekgele se Modimo o se re biletsang kwa legodimong ka ntlha ya se Jesu Keresete a se re diretseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Ki sianela kua sekaeloñ, go bona tuelo ea pico ea Morimo mo go Keresete Yesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Ke lekela ka thata kwa sekaong, ke ya go tsaya sekgele sa piletsogodimo ya Modimo mo go Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:14
20 Iomraidhean Croise  

“Molao le baporofeti ba felela ka Johane; go tloga foo go rerwa Efangele ya puso ya Modimo, mme mongwe le mongwe o itshukunyetsa mo go yona.


Gonne dineo tsa bopelotlhomogi le pitso ya Modimo ga di dirololwe.


A ga lo itse gore ba ba sianang mo lebaleng la tshamekelo ba taboga botlhe, mme yo o bonang sekgele ke a le mongwe fela? Sianang he gore lo se amogele!


gonne tlalelo ya rona e e botlhofo ya nako e khutshwane e re direla letlotlo le le sa khutleng le le gaisang tsotlhe la kgalalelo,


Gonne ba ba rupileng tota ke rona ba re direlang Modimo ka Mowa, re ipoka ka Keresete Jesu, re sa ikanye nama,


A go se nne ope yo o phamolang sekgele mo go lona ka go kgatlhwa ke boikokobetso le kobamelo ya baengele, a ikgantsha ka tse o di bonyeng, a budulosiwa ke tlhaloganyo ya nama ya gagwe kwa ntle ga lebaka,


re lo kgothatsa, re lo tiisetsa gore lo sepele ka mokgwa o o tshwanetseng Modimo o o lo bileditseng pusong le kgalalelong ya ona.


o o re pholositseng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, mme e le ka fa boikaelelong jwa ona le ka fa bopelotlhomoging jo re sa leng re bo newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo,


Ka ntlha ya moo, lona ba ga etsho, ba lo itshepileng, ba lo leng baabelwi ba pitso ya legodimo, elang Jesu tlhoko, Morongwi le Moperesiti yo mogolo wa maipolelo a rona,


Ka ntlha ya moo a re feteng thuto ya pele ka ga Keresete, re fetele pele kwa maemong a a tletseng, re se ka ra ba ra thaya motheo gape wa go ikwatlhaela ditiro tse di suleng, wa go dumela mo Modimong,


Ka moo, itlameng matheka a maikutlo a lona, lo nne tekano, lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo mo bopelotlhomoging jo lo bo tsisediwang ka ponatshego ya ga Jesu Keresete.


Mme Modimo wa bopelotlhomogi jotlhe o o lo bileditseng kgalalelong ya ona e e sa khutleng ka Keresete, e tla re lo sena go boga sebakanyana, o lo dire botlalo, o lo tiise, o lo thatafatse, o lo tlhomamise.


Kana ke thata ya gagwe ya bodimo e e re abetseng dilo tsotlhe tse di re direlang bophelo le poifo-Modimo, ka go itse ene yo o re biditseng ka kgalalelo ya gagwe le ka maatlametlo a gagwe.


Yo o fenyang ke tla mo naya gore a nne le nna mo sedulong sa ka sa bogosi, jaaka le nna ke fentse, ke ntse le Rre mo sedulong sa gagwe sa bogosi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan