Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:13 - Setswana 1970

13 Ba ga etsho, nna ga ke ikaye gore ke setse ke tshwere; mme selo se le sengwe ke a se dira ke se: Ke lebala dilo tse di kwa morago, ke gagamalela tse di kwa pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Nnyaa, bakaulengwe ba ba rategang, ga ke ise ke nne gotlhe mo ke tshwanetseng go nna gone, mme ke leka ka natla yotlhe go tlhokomela selo se le sengwe fela se: go lebala tse di kwa morago ke lebelela tse di kwa pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Bakauleñue, ga ki kaee ha ki se cuere; mi señue se kia se riha, ki lebala lilo tse ri kua morago, ki gagamalela liloñ tse ri kua pele,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Bagaetsho ga ke ikaye gore ke setse ke tshwere; mme selo sengwe ke a se dira, ka re, ke tlhokomologa dilo tse di kwa morago, ke gagamalela kwa dilong tse di kwa pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:13
15 Iomraidhean Croise  

Selo se le sengwe se ke se kopileng mo go Morena, se ke se eletsang ke go re, ke nne mo Ntlong ya Morena ka metlha yotlhe ya bophelo jwa me, go leba bontle jwa Morena le go akanya mo Tempeleng ya gagwe.


Bomorwadia dikgosi ba kgabile mekgabo e mentlentle ya gago; mohumagadi o eme fa letsogong le le jang la gago, a kgabile ka gouta ya Ofire.


Mme se se batlegang ke se le sengwe fela. Fa e le Maria, o itlhaoletse kabelo e e molemo, e e se kitlang e tlosiwa mo go ene.”


Mme Jesu a mo raya a re: “Ga go ope yo o ka nonofelang puso ya Modimo, fa e ka re a tshwere mogoma, a gadima kwa morago.”


Jalo he, go tlogeng fano ga re tlhole re itse ope ka fa nameng; mme fa re kile ra itse Keresete ka fa nameng, jaanong ga re tlhole re mo itse jalo.


Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo;


Ga se go re ke setse ke tshwere, gongwe ke setse ke le botlalo; mme ke ntse ke bo tabogela gore motlhamongwe ke bo tshware, ka le nna ke tshwerwe ke Keresete Jesu.


Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete,


Ka ntlha ya moo a re feteng thuto ya pele ka ga Keresete, re fetele pele kwa maemong a a tletseng, re se ka ra ba ra thaya motheo gape wa go ikwatlhaela ditiro tse di suleng, wa go dumela mo Modimong,


Baratwa, lo se ka lwa lebala selo se le sengwe sa go re: Mo Moreneng letsatsi le le lengwe le tshwana le sekete sa dinyaga, le sekete sa dinyaga se tshwana le letsatsi le le lengwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan