Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:12 - Setswana 1970

12 Ga se go re ke setse ke tshwere, gongwe ke setse ke le botlalo; mme ke ntse ke bo tabogela gore motlhamongwe ke bo tshware, ka le nna ke tshwerwe ke Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Ga ke reye gore ke itekanetse. Ga ke ise ke ithute tsotlhe tse ke tshwanetseng go di ithuta, mme ke lekela pele go fitlhelela letsatsi le ke tlaa bong ke le se Keresete a se mpoloketseng le se o batlang ke nna sone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Esiñ go re ki setse ki hitlile, khotsa ki rihiloe botlalo; mi kia latela, gore ki cuare se ki cueroeñ ki Keresete Yesu ka ntla ea shona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Ga se go re ke setse ke fitlhile, le fa e le gore ke setse ke itekanetse; mme ke lekela kwa pele, e tle e re kgotsa ke tshware se e leng sone le nna ke se tshwaretsweng ke Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:12
44 Iomraidhean Croise  

Mme mosiami o tla sala mo tseleng ya gagwe; yo o diatla di phepa o tla nna a tiela pele.


E kete ditsela tsa me di ka bo di tlhomame go tlhokomela melao ya gago.


Morena o tla di nkgonela. Bopelontle jwa gago, Morena, ga bo na bokhutlo; se tlogele ditiro tsa diatla tsa gago!


Sefela sa thuto sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi.


Gonne o ne o le thuso ya me; ke tla duduetsa mo moriting wa diphuka tsa gago.


Kana maago a gago a mantlentle jang wena Morena wa masomosomo!


Katlholo e tla boela mo tshiamong; botlhe ba ba dipelo di tlhamaletseng ba tla e latela.


Tselana ya basiami e tshwana le lesedi la mahube le le ntseng le oketsegela pele go ya motshegareng o mogolo.


“Nkutlweng ba lo latelelang tshiamo, ba lo batlang Morena. Lebang lefika le lo gabilweng mo go lone, le moepo wa sediba o lo epolotsweng mo go ona.


A re itseng Morena, re tlhoafalele go mo itse. O tla tswa ruri jaaka mahube, a tla kwa go rona jaaka pula, le jaaka pula ya dikgakologo e e kolobisang lefatshe.’


Ka moo he, siamang ka botlalo jaaka Rraeno wa legodimo a siame ka botlalo.


Morena a mo raya a re: “Yaa teng; gonne ene yoo ke sediri sa me se se tlhaotsweng go rwalela leina la me fa pele ga baheitane le dikgosi le Baiseraele.


gongwe bogodimo gongwe boteng, le fa e ka nna sebopiwa se sele, ga di kgone go ka re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu, Morena wa rona.


mme e tla re sa botlalo se sena go tla, sa bontlhanngwe se nyelediwe.


Gonne gompieno re bona dilo mo seiponing di le letobo, mme ka motlha oo re tla di bona sentle jaaka difatlhego di lebanye; gompieno ke tlhaloganya ka bontlhanngwe, mme ka motlha oo ke tla itse gotlhe, jaaka le nna ke itsilwe gotlhe.


A ga lo itse gore ba ba sianang mo lebaleng la tshamekelo ba taboga botlhe, mme yo o bonang sekgele ke a le mongwe fela? Sianang he gore lo se amogele!


Re a itumela, fa rona re le bokoa, mme lona lo le thata; mme se re se rapelelang ke gore lo nne ba botlalo.


Baratwi ba me, e re ka jaanong re na le ditsholofetso tseo, a re iphepafatseng mo masweng otlhe a nama le a mowa, le go tlatsa boitshepiso ka poifo-Modimo.


gonne nama e eletsa tse di tlhabanang le mowa, le mowa o eletsa tse di tlhabanang le nama; dilo tse, di emelelanye gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang.


jaaka o sa le o re itlhophela ka ene pele, lefatshe le ise le tlholwe, gore re nne boitshepo, re se nyatsege fa pele ga ona,


gore baitshepi ba etleetsegele tiro ya go direla le kago ya go aga mmele wa ga Keresete


Nna Paulo le Timotheo, batlhanka ba ga Keresete Jesu, re kwalela botlhe ba e leng baitshepi ka Keresete Jesu ba kwa Filipi mmogo le balebeledi le badiredi:


Mme fela, a re tsamaeng mo go sone se re setseng re fitlhile mo go sone; re nne mo kutlwanong.


Gonne ba ba rupileng tota ke rona ba re direlang Modimo ka Mowa, re ipoka ka Keresete Jesu, re sa ikanye nama,


Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete,


Tlhokomelang gore go se nne ope yo o busetsang yo mongwe bosula ka bosula, mme tlhoafalang ka gale go direlana molemo le go o direla botlhe.


Mme rona re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Morena, ka gonne Modimo o sa le o lo itlhaolela go tswa tshimologong gore lo pholosiwe ka go itshepisiwa ke Mowa le ka go dumela boammaaruri.


a na le tshupo ya ditiro tse di molemo tsa gore o godisitse bana, a tshola baeng, a tlhapisa baitshepi dinao, a thusa ba ba pitlagantsweng, a tlhokomela tiro nngwe le nngwe e e molemo.


ba be ba iphuthele mahumo a mothao o o siameng wa tse di tlang gore ba tle ba bone botshelo jwa nnete.


Latelelang kagiso mo bathong botlhe le boitshepiso jo go seng ope yo o tla bonang Morena kwa ntle ga jona;


le mo phuthegong ya batsalwapele ba ba kwadilweng kwa magodimong, le fa Modimong, moatlhodi wa botlhe, le fa meweng ya basiami ba ba dirilweng botlalo,


a o lo nonotshe mo go sengwe le sengwe se se siameng gore lo dirafatse thato ya ona o o dirang mo go lona se se o kgatlhang ka Jesu Keresete; a kgalalelo e nne ya gagwe ka bosakhutleng! Amen.


Gonne rona rotlhe re fosa gantsi. Fa mongwe a sa fose mo puong, yoo e a bo e le monna wa botlalo yo o nonofileng go laola le ona mmele otlhe.


Mme Modimo wa bopelotlhomogi jotlhe o o lo bileditseng kgalalelong ya ona e e sa khutleng ka Keresete, e tla re lo sena go boga sebakanyana, o lo dire botlalo, o lo tiise, o lo thatafatse, o lo tlhomamise.


Mme golang mo bopelotlhomoging le mo kitsong ya Morena wa rona Jesu Keresete Morepholosi. A kgalalelo e nne ya gagwe jaanong le go ya letsatsing la bosakhutleng!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan