Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:11 - Setswana 1970

11 e tle e re gongwe ke fitlhe mo tsogong ya baswi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Gore e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke tle ke nne mo botshelong jo bosha jwa ba ba tshedileng mo baswing.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Gore ha go ka na yalo, ki hitlele go ba go coga ga bashui.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke ye go fitlha mo go tsogeng ga baswi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:11
17 Iomraidhean Croise  

jwa bona ba ba ikantseng letlotlo la bona, ba belafalela khumo e kgolo ya bona?


Foo o tla nna sego, ka gonne ga ba na se ba ka go busetsang ka sona; o tla busediwa mo tsogong ya basiami.”


Maretha a mo raya a re: “Ke itse gore o tla tsoga ka letsatsi la bofelo motlhang botlhe ba tsogang.”


Ya re Paulo a lemoga gore bangwe ba bone ke Basadukai, mme ba bangwe ke Bafarisai, a kua mo lekgotleng a re: “Banna ba ga etsho, ke Mofarisai le ngwana wa Bafarisai; ke ka ntlha ya tsholofelo, e bong tsogo ya baswi, fa ke sekisiwa.”


se ditso tsa rona tse di 12 di solofelang go se bona ka go direla Modimo ka tlhoafalo bosigo le motshegare. Mme kgosi, ke latofadiwa ke Bajuta ka ntlha ya tsholofelo eo.


Ya re ka magorogelo a sa siamela go nnela mariga teng, bontsi jwa banna jwa gakolola gore ba tswe teng, e tle e re fa go kgonega, ba fitlhe kwa Fenikise yo e leng magorogelo a Kereta a a lebileng kwa botsheka jwa borwa le jwa bokone ntlheng ya bophirimatsatsi, ba nnele mariga teng.


e tle e re gongwe ke tsose lefufa mo go bone ba e leng ba morafe wa ga etsho, ke pholose bangwe ba bone.


mongwe le mongwe ka fa thulaganyetsong ya gagwe: Keresete e le wa ntlha; morago ga moo ba e leng ba ga Keresete, motlhang a tlang;


Ke ne ka nna jaaka yo o bokoa mo go ba ba bokoa gore ke kgone ba ba bokoa. Ke ne ka nna tsotlhe mo go botlhe gore ka mekgwa yotlhe ke pholose bangwe.


Mme ke katisa mmele wa me, ke a o laola, e se re gongwe nna ka latlhega, ke sena go rerela ba bangwe.


Mme ke boifa gore maikutlo a lona a ka senyega, a faposiwa mo nneteng le mo boitshekong jwa go ineela Keresete, jaaka noga e kile ya tsietsa Efa ka boferefere jwa yona.


Jaanong ya re ke palelwa ke go tlhola ke itshoka, ka roma motho ka ntlha ya moo gore ke tle ke itse tumelo ya lona, e se re gongwe moraedi a bo a lo raetse, mme tiro ya rona ya nna lefela.


Lo se ka lwa tsiediwa ke ope ka mokgwa ope; gonne go tshwanetse go tla tenego pele, le motho wa boikepo a itshupe, e bong motho wa tshenyego,


Jaanong ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo se Morena Moatlhodi yo o siameng o tla se nnayang ka letsatsi leo, mme e seng nna ke le nosi, le bona botlhe ba ba ratang ponatshego ya gagwe.


Basadi ba busediwa baswi ba bone ka go tsosiwa; ba bangwe ba bogisiwa, ba sa amogele kgololo, e le gore ba tle ba bone tsogo e e molemo bogolo.


Baswi ba bangwe bone ba se ka ba tsoga go tsamaya dinyaga tse kete di fete pele. Tsogo eo ke ya ntlha.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan