Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:10 - Setswana 1970

10 ya go itse ene le thata ya tsogo ya gagwe le go kopana nae mo dipogong tsa gagwe ka go dirwa yo o tshwanang le loso lwa gagwe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 Mme jaanong ke tlogetse sengwe le sengwe, ke bonye e le yone fela tsela ya go itse Keresete le go lemoga nonofo e kgolo e e mo rudisitseng, le go bona gore go boga le go swa nae go rayang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Gore ki mo itse, le thata ea cogo ea gague, le kabalano ea pogisho tsa gague, go rihoa go cuana yaka loshu loa gague;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 gore ke itse ene, le thata ya go tsoga ga gagwe, le go tlhakanela nae dipogiso tsa gagwe, ke bopegela mo tshwanong ya loso lwa gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:10
34 Iomraidhean Croise  

Morena o buile jaana a re: “A Motlhalefi a se ka a ipelafatsa ka botlhale jwa gagwe! A seganka se se ka sa ipoka ka thata ya sona! A mohumi a se ka a ikgodisa ka khumo ya gagwe!


A ba raya a re: “Fa e le senwelo sa me, lo tla se nwa, le kolobetso e ke yang go kolobediwa ka yona, lo tla kolobediwa ka yona; mme go nna ka fa letsogong la me le le jang le ka fa go la molema ga se ga me go go naya, go tla newa bone ba ba go baakanyeditsweng ke Rre.”


Ga go ope yo o ka bo nkamogang, ke nna ke bo neelang ka bogame. Ke na le thata go bo neela, ke bile ke na le thata go bo tsaya gape. Taolo e ke e amogetse mo go Rre.”


Mme botshelo jo bo sa khutleng ke fa ba go itse o le Modimo wa boammaaruri o le wesi, le Jesu Keresete yo ò mo romileng.


Mme fa re le bana, e bile re barua-boswa, e bong barua-boswa ba Modimo le barua-boswa mmogo le Keresete, fa tota re bogisiwa nae, ke go re, re tle re galalediwe nae.


Gonne ba o ba itsileng pele, o ba tlhaotse pele gore ba tshwane le popego ya Morwaa-ona, a tle a nne motsalwapele mo baneng ba le bantsi.


Jaaka go kwadilwe ga twe: “Re bolawa letsatsi lotlhe ka ntlha ya gago, re kaiwa jaaka dinku tsa tlhabo fela.”


o o re golotseng mo losong lo lo kalokalo, mme o sa ntse o re golola, o re solofelang mo go ona gore o tla nna o re golola;


gonne kgomotso e re ntsifaletse ka Keresete, jaaka dipogiso tsa ga Keresete le tsona di re ntsifaletse.


Gonne le fa a ne a bapolwa a le bokoa, o tshela ka thata ya Modimo. Kana le rona re bokoa mo go ene, mme re tla phela nae ka thata ya Modimo ka ntlha ya lona.


Ke a tshela, mme ga e tlhole e le nna, ke Keresete yo o tshelang mo go nna, mme se ke se tshelang jaanong mo nameng ke se tshela ka go dumela mo go Morwa Modimo yo o nthatileng, a ba a ineela losong ka ntlha ya me.


Jaanong a ke se tlhole ke tshwenngwa ke ope; gonne ke na le dipadi tsa ga Jesu mo mmeleng wa me.


go fitlhelela re be re fitlhe rotlhe mo bongwengfela jwa tumelo le jwa go itse Morwa Modimo le go nna monna yo o tletseng go fitlha selekanyong sa bogolo jo bo tletseng jwa ga Keresete


Ruri ke kaya dilo tsotlhe tshenyegelo ka ntlha ya kitso e kgolo ya go itse Keresete Jesu Morena wa me yo ke latlhileng dilo tsotlhe tseo ka ntlha ya gagwe; ke bile ke di kaya matlakala gore ke hume Keresete,


Jaanong ke itumela mo dipogong tse ke di lo bogelang, ke tlatsa ka nama ya me dipitlagano tsa ga Keresete fa di tlhaelang teng, ke direla mmele wa gagwe o e leng phuthego


Le lona ba lo neng lo sule ka ditlolo le ka go-sa-rupang ga nama ya lona, o lo phedisitse nae, wa re itshwarela ditlolo tsotlhe,


Fa jaanong lo tsositswe le Keresete, batlang he tse di kwa godimo, kwa Keresete a leng teng, a ntse ka fa letsogong le le jang la Modimo.


A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tsetseng gape ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa ona, gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing,


Mme ke fitlhela e le tshwanelo go lo kurusa ka kgakololo, ke sa ntse ke le mo motlaaganeng ono wa mmele;


Se re itseng ka sona gore re a mo itse, ke fa re tshegetsa ditaolo tsa gagwe.


Mongwe le mongwe yo o tshegetsang Lefoko la gagwe, ruri lorato lwa Modimo lo mo go ene ka botlalo. Ke sona se re itseng ka sona gore re mo go ene.


le yo o phelang; ke ne ke sule, mme ke phela ka bosakhutleng; ke tshotse dilotlele tsa loso le tsa felo ga baswi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan