Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 3:1 - Setswana 1970

1 Gape, ba ga etsho, itumeleng mo Moreneng. Go lo kwalela dilo di le dingwe fela, nna ga go ntapise, mme lona go a lo tiisa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme le fa go ka diregang, ditsala tse di rategang, itumeleng mo Moreneng. Ga nke ke lapisega go lo bolelela se, ebile go lo siametse go se utlwa gangwe le gape.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 YA bohelo, bakauleñue ba me, Itumeleñ mo Moreneñ. Go lo kualela lilo tse ri cuanañ yaka cona ga si kutluisho‐botluku go ’na, mi ki tlomamo go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Sa bofelo, bagaetsho, itumeleng mo Moreneng. Go nna ke lo kwalela dilo di le dingwe fela, le gale ga go ntapise, ka ga lona ke go lo direla tlhomano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 3:1
46 Iomraidhean Croise  

Baiseraele botlhe ba ne ba etleetsa Letlole la Kgolagano ya Morena ka tuduetso le tumo ya dinaka le ka diphala le ka matlhao-a-mabogo, ba ntse ba utlwatsa ditumo tsa diharepa le dikwadi.


Ikgantsheng ka leina le le boitshepo la gagwe; a go itumele dipelo tsa ba ba batlang Morena.


Ba a ja, ba nwa fa pele ga Morena ka letsatsi leo ka boitumelo jo bogolo; ba be ba dira Salomo morwa Dafita kgosi gape, ba mo tloletsa Morena go nna moeteledipele le Satoke go nna moperesiti.


A ba a ba raya a re: “Yaang lo je tse di mafura, lo nwe tse di botshe, lo romele ba ba sa tsholang sepe dikabelo; gonne letsatsi le le itshepetse Morena wa rona. Lo se ka lwa hutsafala. Gonne go itumela mo Moreneng ke thata ya lona.”


ee, foo o tla itumelela Mong-wa-thata-yotlhe, o tsholeletsa Modimo sefatlhego.


A Iseraele a itumelele Modiri wa gagwe; a bana ba Sione ba dudueletse kgosi ya bona!


Itumeleng mo Moreneng, lo bo lo ipele, lona basiami; duduetsang, lona lotlhe ba lo dipelo di tlhamaletseng.


Lona basiami, dudueletsang Morena, sefela sa pako se tshwanetse batlhamaladi.


o natefelwe ke Morena, mme o tla go naya dikeletso tsa pelo ya gago.


Dikeledi tsa me ke dijo tsa me bosigo le motshegare, ka ba tlhola ba nthaya ba re: “Modimo wa gago o kae?”


Ba bee molato, Modimo; a ba we ka ntlha ya maano a bona; ba leleke ka ntlha ya bontsi jwa ditlolo tsa bona; gonne ba a go rukhutlhegela.


Morena ke kgosi; a lefatshe le duduetse; a ditlhakatlhake tse dintsi di itumele.


O tla di fefera; phefo e tla di gogola, ledimo le di phatlalatsa, mme wena o tla dudueletsa Morena, o itumisa ka Moitshepi wa Iseraele.


Ke itumela ka pelo yotlhe mo Moreneng! A mowa wa me o dudueletse Modimo wa me! Gonne o nkapesitse diaparo tsa pholoso, a nkhurumetsa ka kobo ya tshiamo jaaka monyadi a rwala mokgabo wa tlhogo wa moperesiti, le jaaka monyalwa a ikgabisa ka mekgabiso ya gagwe.


Bonang, batlhanka ba me ba tla duduetsa, ka ba le pelo-di-thabileng, mme lona lo tla goa, ka lo le pelo-di-botlhoko; lo tla lela ka ntlha ya go nyema moko.


“Le lona, bana ba Sione, duduetsang lo itumele mo Moreneng, Modimo wa lona; gonne o tla lo naya moruti yo o lo rutang tshiamo; a lo nesetsa pula, pula ya ntlha le ya kgogolamoko jaaka mo metlheng ya pele.


Ipele, morwadia Sione, opang mokgosi, lona Baiseraele; itumele o duduetse ka pelo yotlhe, morwadia Jerusalema!


Morena, Modimo wa gago, o na nao, ke seganka se se pholosang; o tla go thabela ka boitumelo, a ritibala mo loratong lwa gagwe; o tla go tlhabela mokgosi wa tuduetso.”


Baeferaime ba tla nna jaaka diganka, dipelo tsa bone di tla itumela jaaka e kete ba nole weine. Bana ba bone ba tla bona jalo, ba itumela; dipelo tsa bone di tla dudueletsa Morena.


Itumeleng lo ipele; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa magodimong. Gonne ba bogisitse baporofeti jalo, ba ba neng ba le teng pele ga lona.


mowa wa me o ipelela Modimo, Mopholosi wa me.


Mme ga se gona fela, e bile re ipoka ka Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete yo jaanong re amogetseng thuanyo ka ene.


Ke fetsa ka go re: Bakaulengwe, itumeleng lo siamisiwe, lo gomotsege; nnang le boitlhômô bo le bongwe fela lo agisanye! Foo Modimo wa lorato le kagiso o tla nna le lona.


Bakaulengwe ba me, ke fetsa ka go re: Thatafalang mo Moreneng le mo thateng ya bonatla jwa gagwe.


mme tseo o di jele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi yo o mo metseng ya gago, o itumelele tsotlhe tse diatla tsa gago di di amogetseng fa pele ga Morena, Modimo wa gago.


o itumele fa pele ga Morena, Modimo wa gago, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi yo o mo metseng ya gago le moeng le lesiela le motlholagadi ba ba agileng le wena, o itumele kwa felong fa Morena, Modimo wa gago, o tla go tlhaolang go baya leina la gagwe teng.


Gonne ba ba rupileng tota ke rona ba re direlang Modimo ka Mowa, re ipoka ka Keresete Jesu, re sa ikanye nama,


Itumeleng mo Moreneng ka gale, ke a boela ka re, itumeleng!


Ba ga etsho, ke fetsa ka go re: Tsotlhe tsa boammaaruri le tsotlhe tsa tlotlego le tsotlhe tsa tshiamo le tsotlhe tsa boitsheko le tsotlhe tsa lorato le tsotlhe tse di tumo e ntle le tse di ka nnang teng tsa maatlametlo gongwe tsa poko, di akanyeng.


Bakaulengwe, jaanong re tswelela ka go lo rapela le go lo kaela ka Morena Jesu gore lo nne lo tote bogolo thata, jaaka lo ithutile mo go rona ka fa lo tshwanetseng go tsamaya le go kgatlha Modimo ka teng, jaaka lo setse lo sepela.


Ba ga etsho, e re fa lo wela mo ditekong tsa mefutafuta, lo di kaye boitumelo fela,


Ke akaretsa ke re: Nnang pelonngwe fela lotlhe lo nne pelotlhomogi, lo ratane jaaka bana ba motho, lo nne kutlwelo-botlhoko le boikokobetso.


Mme itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele.


Baratwi, lokwalo loo e setse e le lwa bobedi lo ke lo lo kwalelang, ke ntse ke tsosa maikutlo a a phepa a lona ka kgakololo


Ke fa Hana a rapela a re: “Pelo ya me e dudueletsa Morena. Lonaka lwa me lo thatafaditswe ke Morena. Molomo wa me o bulegetse baba ba me. Gonne ke itumelela pholoso ya gago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan