Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:9 - Setswana 1970

9 Ke ka moo Modimo o mo godisitseng mo go fetang, wa mo naya leina le le fetang leina lengwe le lengwe

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Le fa go ntse jalo e ne e le ka ntlha ya gone mo, mo Modimo o neng wa mo tsholeletsa kwa legodimong mme wa mo naya leina le le fetang maina otlhe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Ki gona Morimo le ona o mo gorisitseñ segolu bogolu, mi oa mo naea leina, ye le legolu bogolu mo maineñ aotle;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Ke gone ka moo Modimo le one o mo godisitseng thata, mme wa mo naya lone leina le le fetang maina a otlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:9
46 Iomraidhean Croise  

Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”


Pesalome ya ga Dafita. Morena o ne a raya Morena wa me a re: “Dula fa letsogong la me le le jang go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.”


Morena yo o fa letsogong le le jang la gago o tla thubakanya dikgosi ka letsatsi la bogale jwa gagwe.


O tla nthaya a re: ‘Wena o rre, o Modimo wa me, o lefika la thuso ya me.’


Ke tla mo pholosa, ka a nkgomaretse ka lorato, ke tla mo sireletsa, gonne o itse leina la me.


“Bonang, motlhanka wa me, o tla tlhogonolofala; o tla tsholediwa, a godisiwa, a nna mogolo thata.


Ka moo ke tla mo abela boswa mo go ba bagolo; o tla abanya thopo le ba ba thata; ka gonne o ne a neela bophelo jwa gagwe mo losong, a balwa le baikepi. Mme tota o ne a rwala boleo jwa ba bantsi, a rapelela baikepi.”


gore a godise puso, mme kagiso e se ka ya fela mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita le mo bogosing jwa gagwe, gore a bo tlhomamise le go bo tshegetsa ka tshiamo le ka tshiamiso go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya Morena wa masomosomo e tla dirafatsa jalo.


A neelwa puso le kgalalelo le bogosi, a direlwa ke batho botlhe ba merafe le ditšhaba le dipuo. Puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng e e sa nyeleleng; bogosi jwa gagwe ke jo bo sa fedisiweng ke ope.


“Tsotlhe ke di neilwe ke Rre; ga go ope yo o itseng Morwa, fa e se Rara; le gona ga go ope yo o itseng Rara, fa e se Morwa, le yo Morwa o ratang go mo mo senolela.


Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.


“Dilo tsotlhe ke di neilwe ke Rre. Ga go ope yo o itseng gore Morwa ke mang, fa e se Rara, le gore Rara ke mang, fa e se Morwa le yo Morwa o ka ratang go mo mo senolela.”


Jesu ene o ne a itse gore Rara o mo neetse dilo tsotlhe diatleng le gore o dule Modimong, e bile o ya kwa Modimong:


Nna ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng. Nna ke tla koo go wena. Rara yo o Boitshepo, ba femele, ba nne mo leineng la gago le o le nneileng, gore ba nne bongwefela jaaka rona.


E rile ke sa ntse ke na nabo mo lefatsheng, ka ba femela ka leina la gago; ba o ba nneileng ka ba disa. Ga go ope wa bone yo o latlhegileng, fa e se morwa-tatlhego, gore Lokwalo lo dirafale.


Jaanong, wena Rara, nkgalaletse mo go wena ka wesi ka kgalalelo e ke neng ke na le yona fa go wena, lefatshe le ise le nne teng.


Ene yoo, Modimo o mo godisitse ka letsogo la ona le le jang, go nna Moeteledipele le Mopholosi gore a nee Iseraele tlhabologo le boitshwarelo jwa dibe.


gore o e dirafatse, fa dipaka di sena go tlala, e bong go kopanya tsotlhe tse di mo legodimong le tse di mo lefatsheng mo go Keresete yo e leng tlhogo.


Ke ene tlhogo ya mmele o e leng phuthego, ene yo e leng tshimologo le motsalwapele go tswa mo baswing gore a nne le boemo jo bo kwa pele mo go tsotlhe.


gore leina la ga Jesu Morena wa rona le galalediwe mo go lona le lona mo go ene ka fa bopelotlhomoging jwa Modimo wa rona le jwa Morena Jesu Keresete.


a nna mogolo go feta baengele, jaaka a filwe boswa jwa leina le legolo bogolo go maina a bone.


O ne o rata tshiamo, mme o tlhoa tshiamololo; ke gona ka moo, Modimo, Modimo wa gago o go tloditseng lookwane lwa boitumelo go gaisa balekane ba gago.”


re lebile Jesu, mosimolodi le mofetsi wa tumelo, yo o neng a itshokela sefapaano boemong jwa boitumelo jo bo mo lebanyeng, a nyatsa ditlhong, a ba a nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Modimo.


Mme ene yo o ne a fetwa ke baengele ka sebakanyana, e bong Jesu, re mmona a rwesitswe kgalalelo le tlotlo ka ntlha ya pogiso ya loso gore a utlwele mongwe le mongwe loso ka bopelotlhomogi jwa Modimo.


yo o tsenyeng mo legodimong, a nna fa letsogong le le jang la Modimo, baengele le mebuso le ba ba thata ba sena go bewa mo taolong ya gagwe.


Gonne o amogetse tlotlo le kgalalelo mo go Modimo Rara, jale fa lentswe le le ntseng jaana le tswa kgalalelong ya borena, le tla go ene le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo o nkgatlhang.”


Gonne ba bolotse ka ntlha ya leina la ga Keresete ba sa tsee sepe mo baheitaneng.


le mo go Jesu Keresete, mosupi yo o ikanyegang, motsalwapele wa baswi, molaodi wa dikgosi tsa lefatshe! Ene yo o re ratileng, a ba a re golola mo maleong a rona ka madi a gagwe,


Jaanong moengele wa bosupa a letsa; mme ga utlwala mantswe a magolo mo legodimong a re: “Puso ya lefatshe e diregile ya Morena wa rona le ya Motlodiwa wa gagwe; o tla busa ka bosakhutleng.”


A na le leina le le kwadilweng mo seaparong sa gagwe fa seropeng le re: KGOSI YA DIKGOSI LE MORENA WA BARENA.


Yo o fenyang ke tla mo naya gore a nne le nna mo sedulong sa ka sa bogosi, jaaka le nna ke fentse, ke ntse le Rre mo sedulong sa gagwe sa bogosi.


ba bua ka lentswe le legolo ba re: “Kwana e e tlhabilweng e na le tshwanelo ya go tshola thata le khumo le botlhale le nonofo le tlotlo le kgalalelo le poko.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan