Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:6 - Setswana 1970

6 yo e rileng a le mo tshwanong ya Modimo, a se ka a kaya go tshwana le Modimo jaaka thopo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 yo o rileng le fa e ne e le Modimo, a se ka a batla ditshwanelo tsa gagwe jaaka Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Eo erileñ ka a le mo cuanoñ ea Morimo, a kaea ha e si bogoru go na go cuana le Morimo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 yo e rileng a le mo tshwanong ya Modimo, a se ka a kaya fa go lekana le Modimo e le se se ka huparelwang,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:6
37 Iomraidhean Croise  

Ka ntlha ya moo Morena ka esi o tla lo naya sesupo: Bonang, lekgarebe le tla nna moimana, le belega ngwana wa mosimane, le mo taya leina la Imanuele .


A tla elelela kwa Juta, a aletsa naga, a e ralala, a fitlha molaleng, a ba a phutholola diphuka tsa ona gore a tlatse boatlhamo jwa lefatshe la gago, Imanuele.”


Gonne ngwana re mo tsaletswe, morwa re mo neilwe, mme puso e tla nna mo legetleng la gagwe, mme o tla bidiwa “Mogakolodi yo o gakgamatsang, Modimo o o thata, Rara yo o sa khutleng, Kgosi ya kagiso;”


Mo malatsing a yona Juta o tla pholosiwa, Iseraele o tla nna mo tshireletsong. ‘Morena ke tshiamo ya rona’, ke lone leina la gagwe le ba tla mmitsang ka lone.


Ka moo o tla ba latlha go ya go fitlhelela sebakeng se mmelegi o belegeng ka sona. Foo masalela a bomorwa-rraagwe a tla boela kwa Baiseraeleng.


“Tšhaka, tsogela modisa wa me, le monna yo o nang le nna,” go bua Morena wa masomosomo; “itaya modisa gore dinku di phatlalale; mme ke tla busetsa letsogo la me kwa go tse dipotlana.”


“Bonang, lekgarebe le tla ima, le belega mosimane; mme ba tla bitsa leina la gagwe Imanuele.” Ka phetolo ke go re: “Modimo o na le rona.”


Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa yo o tsetsweng a le esi, yo o fa sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng.


“Nna le Rara re bongwefela.”


Bajuta ba mo araba ba re: “Ga re go kgobotleletse tiro e e molemo; mme ke ka ntlha ya kgalo, ka e re ò le motho, ò itshema Modimo.”


Mme fa ke di dira, dumelang ditiro, le fa nna lo sa ntumele, gore lo lemoge le go itse gore Rara o mo go nna, le nna ke mo go Rara.”


Lo utlwile jaaka ke lo reile ka re: ‘Ke a tsamaya, e bile ke boela go lona.’ Fa lo ka bo lo nthata, lo ka bo lo itumela, fa ke rile: Ke ya go Rara; gonne Rara o mogolo go nna.


Jesu a mo raya a re: “Ga ke bolo go nna le lona, mme a ga o ise o nkitse, Filipo? Yo o mponyeng o bonye Rara. O bua jang fa o re: ‘Re supetse Rara’?


Jaanong, wena Rara, nkgalaletse mo go wena ka wesi ka kgalalelo e ke neng ke na le yona fa go wena, lefatshe le ise le nne teng.


Thomase a mo araba a re: “Morena wa me le Modimo wa me!”


Ke ka ntlha ya moo Bajuta ba ne ba batla bogolo go mmolaya, e seng fela ka a sentse Sabata, mme le gona e le ka a rile, Modimo ke rraagwe, a itekanya le Modimo.


gore botlhe ba tlotle Morwa, fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa, ga a tlotle Rara yo o mo romileng.


ba borraetsho e leng ba bone, ba Keresete o duleng mo go bone ka fa nameng, yo e leng Modimo o o okameng tsotlhe, yo o bakwang ka bosakhutleng. Amen.


e bong bone ba ba sa dumeleng, ba modimo wa lefatshe leno o foufaditseng maikutlo a bone, gore lesedi la Efangele ya kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba bonegela.


gonne lo itse bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu gore le fa a ne a humile, o ne a humanega ka ntlha ya lona gore lo hume ka khumanego ya gagwe.


Mme jaanong Kgosi ya masakhutleng, e bong Modimo o o sa nyeleleng, o o sa bonweng, o o botlhale o le osi, a tlotlo le kgalalelo e nne tsa ona ka bosakhutleng! Amen.


Mme ga go na pelaelo, bosaitsiweng jwa poifo-Modimo bo bogolo jwa go re: Jesu o bonaditswe mo nameng, a supelwa tshiamo ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo baheitaneng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholediwa ka kgalalelo.


re ntse re lebeletse lesego la tsholofelo le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo le ya ga Keresete Jesu Morepholosi


Ke ene marang a kgalalelo ya ona le setshwano sa bodimo jwa ona, o tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la thata ya gagwe; ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna ka fa letsogong le le jang la Borena kwa magodimong,


Mme e tla re o tsisa Motsalwapele gape mo lefatsheng, o laele o re: “Baengele botlhe ba Modimo ba tshwanetse go mo obamela.”


Mme o raya Morwa o a re: “Modimo, sedulo sa bogosi sa gago ke sa bosakhutleng; thobane ya bogosi jwa gago ke thobane ya tshiamo.


Jesu Keresete o ntse a tshwana maabane le gompieno le ka bosakhutleng.


A ba a nthaya a re: “Go dirafetse. Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Yo o nyorilweng ke tla mo nosa mo motsweding wa metsi a botshelo, e se ka sepe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan