Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:29 - Setswana 1970

29 Jaanong mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; tlotlang ba ba ntseng jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

29 Mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jo bogolo, mme lo supe gore lo itumeletse go tla ga gagwe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

29 Ki gona mo culeñ mo Moreneñ ka boitumelo yotle, mi kaeañ eo ontseñ yalo segolu;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

29 Ke gone, mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; lo tlotle yo o ntseng jalo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:29
21 Iomraidhean Croise  

Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa morongwi yo o itumedisang, yo o utlwatsang kagiso, yo o begang mafoko a a molemo, yo o bolelang pholoso, a raya Sione a re: “Modimo wa gago ke kgosi.”


Mme botlhe ba ba sa lo tsholeng, e re lo tswa mo motseng oo, lo itlhotlhore lorole mo dinaong, go nna tshupo ka ga bone.”


Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o tsholang yo ke mo romang o tshola nna, mme yo o ntsholang o tshola ene yo o nthomileng.”


Ba nnela ruri ka malatsi otlhe ka bongwefela jwa pelo mo Tempeleng, ba nathoganya senkgwe kwa le kwa mo matlong a bone, ba ja dijo ka boitumelo le bopelophepa,


Bao le bone ba re tlotla gagolo; ya re re tsamaya, ba re abela tse re di tlhokang.


Ga ba ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo.


Ba ka rera jang ba sa rongwe? Jaaka go kwadilwe ga twe: “Kana di dintle jang ne dinao tsa bone ba ba rerang mafoko a a thabisang a a molemo!”


gore lo mo tshole mo Moreneng jaaka go tshwanetse baitshepi, le go mo thusa ka fa a batlang thuso ya lona ka teng; gonne le ene e ne e le mothusi wa ba bantsi le wa me ka nosi.


E re fa Timotheo a goroga, lo dire gore a nne mo go lona a se na poifo; gonne o dira tiro ya Morena fela jaaka nna.


Gonne ba lapolositse mowa wa me le mewa ya lona. Tlotlang ba ba ntseng jalo!


Gonne moikanyegi ga se yo o ipokang, mme ke yo o bokwang ke Morena.


Re feng manno mo dipelong tsa lona; ga re a siamololela ope, ga re a senyetsa ope, ga re a ja sa ga ope.


Ke gona ka moo ke mo romileng ka potlako gore e re lo mmona, lo boe lo itumele, le nna ke fokotsegelwe ke bohutsana.


Aristarego, mogolegwi-ka-nna, o a lo dumedisa, le Mareko, ntsalaa Baranaba – yo lo amogetseng ditaetso ka ga gagwe. E re fa a ka tla koo go lona, lo mo tshole –


Mme, bakaulengwe, re lo rapela gore lo tlotle bone ba ba itapisang ka lona, ba ba lo okameng mo Moreneng, ba ba lo layang,


Bagolo ba phuthego ba ba tshwereng tiro sentle a ba kaiwe ba tshwanetswe ke tlotlo e e menaganyeng, bogolo bone ba ba dirang ka lefoko le ka thuto;


Utlwang baruti ba lona, lo ba ikokobeletse; gonne ba disitse mewa ya lona, e le ba ba tla ikarabelang, gore ba tle ba dire jalo ka boitumelo, e seng ka phegelo; gonne mo go ka bo go se molemo mo go lona.


Ka ntlha ya moo, e tla re ke tla, ke mo gopotse ditiro tsa gagwe tse a di dirang, ka a ntse a re senya ka mafoko a a bosula; mme tseo ga di ise di mo lekane, nnyaya, ene ka esi ga a tshole bakaulengwe, e bile o kganela ba ba ratang go dira jalo, a ba leleke mo phuthegong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan