Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:22 - Setswana 1970

22 Mme go ikanyega ga gagwe lo a go itse, ka a dirile tiro ya Efangele le nna jaaka ngwana a tle a dire le rraagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Mme lo itse Timotheo. O ntse fela jaaka morwaake mo go nthuseng go rera Mafoko a a Molemo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Mi loa itse kaha o la a lekoa ka gona, ha a la a ’ntihela mo evangelioñ, yaka ñuana le rague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Mme ene, lo itse go lekega ga gagwe, gore jaaka ngwana a tle a direle rraagwe, le ene o dirile le nna jalo mo go tswedisetseng Mafoko a a Molemo kwa pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:22
20 Iomraidhean Croise  

A bo a bolelwa ka molemo ke bakaulengwe ba ba mo Lesitara le mo Ikonio.


boitshoko bo dira boikanyego, boikanyego bo dira tsholofelo,


E re fa Timotheo a goroga, lo dire gore a nne mo go lona a se na poifo; gonne o dira tiro ya Morena fela jaaka nna.


Ke gona ka moo ke lo rometseng Timotheo yo e leng morwaake yo o rategang, yo o ikanyegang mo Moreneng. Ke ene yo o tla lo gopotsang ditsela tsa me mo go Keresete, jaaka ke ruta gongwe le gongwe mo diphuthegong tsotlhe.


gonne ke kwadisitswe ke gona gore ke tle ke lemoge boitshupo jwa lona gore a lo na le kutlo mo go tsotlhe.


Mme gape re romile mokaulengwe yo mongwe wa rona nabo, yo re mo fitlhetseng gantsi a le tlhaga mo dilong tse dintsi, mme jaanong o tlhaga bogolo ka go lo ikanya gagolo.


Ba bontsheng he nnete ya lorato lwa lona le ya go lo boka ga rona fa pele ga diphuthego.


Ga ke bue jalo go laola, mme e le go leka nnete ya lorato jwa lona ka botlhaga jwa ba bangwe;


Ba ga etsho, ke rata lwa itse gore tse di ntirafaletseng di thusitse thata go tsweletsa Efangele pele,


Bano ba dira ka lorato, ka ba itse gore ke beetswe go emela Efangele;


ka ntlha ya gore lo abetswe Efangele go tloga ka letsatsi la ntlha go fitlha gompieno.


jaaka go ntshwanetse go nna le kgopolo eo ka ga lona lotlhe, ka lo le mo pelong ya me; gonne lotlhe lo tlhakanetse bopelotlhomogi le nna ke le mo kgolegong, ke emela Efangele, ke e tlhomamisa.


gonne ga ke na ope yo o tshwanang nae ka maikutlo, yo o ka lo disang ka nnete,


Ke go neela taolo eo, wena Timotheo, ngwanaka, ka fa dipolelelong-pele tse di kileng tsa buiwa ka ga gago gore o tlhabane tlhabano e e molemo ka tsona,


ke kwalela Timotheo, ngwanake tota mo tumelong: A bopelotlhomogi bo nne le wena le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu, Morena wa rona!


Fa o gakolola bakaulengwe dilo tseo, o tla bo o le modiredi yo o molemo wa ga Keresete Jesu, o le yo o ikotlang ka mafoko a tumelo le a thuto e e siameng e o ntseng o e setse morago.


ke kwalela Timotheo, ngwanake yo o rategang: A bopelotlhomogi le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu Morena wa rona di nne le wena!


Mme wena o ntatetse ka thuto le mokgwa le boikaelelo le tumelo le bopelotelele le lorato le boitshoko


ke kwalela Tito ngwanake tota ka fa tumelong e re e tlhakanetseng: Bopelotlhomogi le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu, Moregolodi, a di nne le wena!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan