Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:21 - Setswana 1970

21 ka gore botlhe ba ipatlela tsa bone, e seng tsa ga Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 mongwe le mongwe o bonala a tshwenyega kaga dilo tse e leng tsa gagwe e seng tsa ga Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Gone botle ba batla tsa bona, esiñ lilo tsa ga Yesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Gonne botlhe ba ipatlela dilo tsa bone, e seng dilo tsa ga Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:21
19 Iomraidhean Croise  

Jaanong ya re ka ngwaga wa 23 wa puso ya kgosi Joase baperesiti ba ise ba baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo,


“Ee, ke dintšwa tse di megagaru, di batla dijo thata, di sa kgore. Gape ke badisa ba ba sa itseng go tlhokomela. Mongwe le mongwe o fapogela mo tseleng ya gagwe, a latela kgwebo ya gagwe, ba botlhe ba dira jalo.


“E kete go ka bo go le mongwe mo go lona yo o tswalang dikgoro gore lo se ka lwa gotsa molelo mo aletareng ya me lefela! Ga ke kgatlhwe ke lona,” go bua Morena wa masomosomo. “Tshupelo e e tswang mo diatleng tsa lona ga e nnatefele.


Ke fa Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe, a ntshale morago;


“Fa mongwe a tla go nna, mme a sa nthate bogolo go rraagwe le mmaagwe le mosadi le bana le bomorwa-rraagwe le bokgaitsadie le jona botshelo jwa gagwe, ga a ka ke a nna morutwa wa me.


Jaanong Paulo le ba a nang nabo ba tloga mo Phafo ka mokoro, ba fitlha kwa Perege wa Pamefilia. Teng foo Johane a ba tlogela, a boela kwa Jerusalema.


Paulo ene a fitlhela go sa tshwanela gore a ye le bone, ka a ikgaogantse nabo kwa Pamefilia, mme a se ka a ya nabo tirong.


A go se nne ope yo o ipatlelang tsa gagwe, mme mongwe le mongwe a a batlele yo mongwe.


jaaka le nna ke itumedisa botlhe mo go tsotlhe, ke sa batle thusego ya me, mme ke batla ya ba bantsi gore ba pholosiwe.


ga lo boatla, ga lo ipatlele, ga lo gakale, ga lo sale bosula jwa motho morago;


gonne kgomotso e re ntsifaletse ka Keresete, jaaka dipogiso tsa ga Keresete le tsona di re ntsifaletse.


A mongwe le mongwe a se lebe tsa gagwe fela, mme a a lebe le tsa ba bangwe.


Kana o itse gore batho botlhe ba kwa Asia ba nkhularetse, ba Figelo le Heremogene e leng bangwe ba bone.


gonne batho e tla nna baithati, baratamadi, baipoki, baikgantshi, bakgadi, ba ba sa utlweng bagolo, ba ba sa lebogeng, ba ba sa itshepang,


gonne Demase o ntlogetse, ka a ratile lefatshe leno, o ile kwa Thesalonika. Keresekese o ile kwa Galatia, Tito o ile kwa Dalematia.


Mo boikarabelong jwa ntlha jwa me ga go a ka ga ema ope le nna, ba ntshabetse botlhe; a ba se ka ba bonwa molato ka ntlha ya moo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan