Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:2 - Setswana 1970

2 tlatsang boitumelo jwa me ka go nna le boitlhômô bo le bongwe fela le lorato lo le longwe fela le bongwefela jwa pelo le kgopolo e le nngwe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Jalo he, dirang gore ke nne le boitumelo jo bogolo ka go ratana le go dumalana ka dipelo tsotlhe, lo dira mmogo ka pelo e le nngwe fela le mogopolo o le mongwe fela le ka maikaelelo a le mangwe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Yalo tlatsañ boitumelo yoa me, gore lo ne le maitlomo a a cuanañ, le go na le lorato lo loñue hela, le ba moea o moñue hela, mo kutluoñ e ñue hela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 dirafatsang boitumelo jwa me, jwa gore lo nne kgopolo e le nngwe fela, lo tshwane mo loratong, lo le mo tumalanong e le nngwe fela, lo le pelo e le nngwe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:2
28 Iomraidhean Croise  

Ke tla bua ka ntlha ya bana ba ga rre le dilekane tsa me ke re: “A kagiso e nne mo go wena!”


Yo o nang le monyalwa ke monyadi; mme tsala ya monyadi e e mo direlang e a mo utlwa, e itumelela lentswe la monyadi thata. Boitumelo joo jwa me bo tletse jaanong.


Botlhe bao ba nnela ruri mo thapelong ka bongwefela jwa pelo, ba na le basadi bangwe le Maria, mma Jesu, le bomonnaa Jesu.


E rile letsatsi la Pentekoste le tla, ba bo ba le mmogo botlhe felong go le gongwe.


Ba nnela ruri ka malatsi otlhe ka bongwefela jwa pelo mo Tempeleng, ba nathoganya senkgwe kwa le kwa mo matlong a bone, ba ja dijo ka boitumelo le bopelophepa,


Ditshupo le dikgakgamatso tse dintsi di ne di dirwa mo bathong ka diatla tsa baapostolo. Ba nna mmogo botlhe mo leobong la ga Salomo ka bongwefela jwa pelo.


Nnang bopelonngwe fela. Se batleng dilo tse dikgolo, mme tsalanang le ba ba kwa tlase. Lo se ikaye botlhale ka losi.


Ba ga etsho, ke lo rapela ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete gore lo bue puo e le nngwe fela lotlhe, go se nne dikgaogano mo go lona, lo nne lo tshwaraganye ka boitlhômô bo le bongwe fela le ka kutlwano.


Ke fetsa ka go re: Bakaulengwe, itumeleng lo siamisiwe, lo gomotsege; nnang le boitlhômô bo le bongwe fela lo agisanye! Foo Modimo wa lorato le kagiso o tla nna le lona.


Kana ke lo kwaletse jalo gore fa ke tla, ke se ka ka hutsafadiwa ke bone ba ke tshwanetseng go ba thabela; gonne ke lo ikanya lotlhe gore boitumelo jwa me ke jwa lona lotlhe.


e seng ka go tla ga gagwe fela, mme e bile e le ka kgomotso e ene o gomoditsweng ka ntlha ya lona ka yona, fa a re bolelela tlhologelelo ya lona le selelo sa lona le ka fa lo ntlhoafaletseng ka teng, mo ke bileng ka itumela gagolo.


thapelo nngwe le nngwe e ke lo rapelelang lotlhe ka yona ka gale ke e dira ka boitumelo


lo ntse lo kgomaretse Lefoko la botshelo go nna poko ya me ka letsatsi la ga Keresete ya gore ga ke a ka ka sianela lefela le e seng go itapisetsa lefela.


gonne ga ke na ope yo o tshwanang nae ka maikutlo, yo o ka lo disang ka nnete,


Ke kaela Eodia, le Sintige ke a mo kaela gore ba utlwane mo Moreneng.


Gonne le fa ke se yo ka mmele, ka mowa ke na le lona, ke itumelela go bona thulaganyo ya lona le tlhomamo ya go dumela ga lona mo go Keresete.


Mme rona re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Morena, ka gonne Modimo o sa le o lo itlhaolela go tswa tshimologong gore lo pholosiwe ka go itshepisiwa ke Mowa le ka go dumela boammaaruri.


Ke tlhologeletswe go go bona, fa ke gopola dikeledi tsa gago, gore ke tle ke tladiwe boitumelo.


Ee, ngwana wa ga rra, a nke ke bone thuso ya gago mo Moreneng: Lapolosa pelo ya me mo go Keresete.


Ke itumetse thata, ka ke fitlhetse bangwe ba bana ba gago ba tsamaya mo boammaaruring, jaaka re amogetse taolo mo go Rara.


Ga ke na boitumelo jo bo fetang joo jwa go utlwa gore bana ba me ba tsamaya mo boammaaruring.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan